Breaking News

Tshere o rotloetsa tshwaragano

21 Jan 2020

Banni ba kgotla ya Madiba kwa Mahalapye ba kopilwe go tshwaraganela go lwantsha borukutlhi.

Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere o kopile jalo mo mo tekodisanong le banni ba kgotla e bosheng.

A re banni ba tshwanetse go mo gakolola ka tse di tshwanetseng go dirwa.

Rre Tshere a re go isa motse kwa pele, go raya go kopanela diemo le go batla ditharabololo.

Mopalamente a re sengwe sa dilo tse di busetsang motse kwa morago  ke borukuthi jo bo tlhokang go tsibogelwa.

A re go itsiwe ka bogodu go baya Mahalapye ka fa mosing ka banni ba fetwa ke sebaka sa go tsalana le bagwebi ba dikgaolo tse dingwe.

A re Mahalapye ke mongwe wa metse ee di gogang kwa pele ka borukutlhi.

O kaile fa go tlhokega gore banni ba ikanoke, ba fetole mekgwa ya bone ba bo ba ikage gore ba amogelese mo setshabeng.

Rre Tshere a re batho ba tshwanetse go itse gore molao o diretswe go atlhola e seng go bopa motho, ke ka moo Setswana se reng, moremogolo go betlwa wa taola, wa motho o a ipetla.

A re go mo mothong go itse se se sa siamang le se se siameng.

Rre Tshere o supile fa CEDA e le teng mme e sa dirisiwe jaaka go solofetswe.

A re mo bogompienong, lenaneo le le thusitse dikgwebo tsa Mahalapye Bophirima ka madi a a kanang ka P83 million.

A re se, ga se se se ka isang Mahalapye pele.

O kgothaditse banni go dirisa CEDA go tlhabolola Mahalapye, go aga dikago tse di tlaa mo ntshang mo matlotleng.

“Go tsaya ditshwetso tse, go ka berekela motse mme go tlhoka go itlama le go bereka ka natla ga bagwebi,” Rre Tshere a supa a re ke nako ya go tswa mo dikagong tse okareng mantlwane, go kgatlha leitlho la mogwebi.

O amile gape lenaneo la banana a supa fa dikgwebo tsotlhe tse di thusitsweng ka madi go sena epe ya Bojanala mme a rotloetsa banana go leba ntlha e.

Fa a akgela, Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye o supile fa seemo sa borukuthi se dirwa ke batsadi ka e le bone ba palelwang ke go aga bana ba bone ba santse ba le bannye.

Kgosi Segotsi o ne a botsa ba tsena phuthego gore ba kganetswe ke mang go otlhaya bana ba bone ka thupa go baakanya motse.

O lemositse batsadi gore go rapela bana ka madi ga go busetse fa e se go ba bopela mo bosilong, jo bo senyang kagiso ya motse ka e nna bone ba tlhokang tsebe.

Banni ba Mahalapye ba ne ba iteela mafoko a ga mopalamente legofi, ba supa fa ba na le ene go tshwaragana go baakanya motse go ya pele.

Rre Basimane Toteng o supile fa kgopo ya metsi a a leswe le maemelo a dipalamo tsa setshaba di tlhokega mme sekole se sebotlana kwa kgaolong ya Madiba se akanyediwe.

Rre Sane Medupi o akgotse tekodiso ya mopalamente, a bo a gatelele go tlhoka boroko ntateng ya borukuthi, a supa fa thupa go aga bana e le yone mangmang, go busetsa serodumo sa motse.

Mokhanselara wa Madiba, Rre Kamogelo Kgosietsile o kopile banni ba Madiba go tia moko le go nna le tsholofelo go isa motse pele.

“Tomagano, tirisano mmogo le morero ke tsone di ka re tsisetsang maduo gore le kamoso dikgaolo tse dingwe di re meletse mathe,” Rre Kgosietsile a supa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaotlhobogwe Orefile

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Jan 2020