Breaking News

Ba Malete kwa Tumasera ba tlhomile kgosana

21 Jan 2020

 Banni ba kgotla ya Malete kwa Tumasera ba tlhomile kgosana ya kgotla ya bone morago ga gore mogolowe yo o neng a le mo maemong ao a tlhatlosiwe maemo go ya kwa kgotleng e tona.
Kgosana e e neng e tlhomiwa ke Rre Tathego Gaothobogwe.

E ne yare a ba ema ka lefoko mopalamente wa kgaolo ya Sefhare/Ramokganami, Dr Kesitegile Gobotswang a supa fa seabe sa bogosi mo pusong ya batho ka batho se tseelwa kwa godimo.

A re kgotla ke makgatlhanela thapong ka merero yotllhe e e siamemg le e maswe e rerelwe mo go yone.

Mopalamente o supile fa a ema dikgang tsa bogosi nokeng ebile a na le keletso ya go bona bo neelwana ka kagiso jaaka go diragetse kwa kgotlaneng ya Malete.

Dr Gobotswang a re kgosi thothobolo e olela matlakala, seo se raya gore o ya go di bona tsotlhe mme fa a tsaya ditshwetso a seka a soka dirope.

A re sepolotiki se seka sa tsena mo kgotleng go sireletse ledula.

Borangwane, malome, rakgadi le marara a dikgotla tse dingwe ba ne ba re tiro ya bogosi ke morero le ba ba maleba, gape kgosi ga a je gongwe le gongwe o tshwanelwe ke gonna le mogopo o o molebaneng.

Kgosana ya kgotla e tona ya Tumasera, e e okametseng dikgotla tse nne tse dibopang Tumasera, Kgosi Kelapile Maleele o kaile fa kgosi e le thata ka borangwane le dikgosana tsa di kgotla tse dingwe ka o ka anya go le gontsi mo go bone.

Kgosi Maleele a re morero le tirisano mmogo ke tsone seikokotlelo sa gagwe, se se ka mo kgontshang go dira tiro ka manontlhotlho le tolamo.

O kopile morafe go tlotla kgosi ya bone le go dirisana nae sentle.

Mothusa kgosi kwa kgotleng e tona, Rre Letlhogonolo Gaothobogwe a re o diretse morafe wa kgotlana ya Malete dingwaga di le 13 years mme o kgonne seo ka therisano le borangwanaagwe le morafe, dikgakololo tsa bone e ne e le tse di agang e seng tse di thubang mme ke sone se a neng a tlhatlosiwa maemo .

Dibui di gakolotse kgosi go ila tshenyetso setshaba ka go gana pipa molomo mo tirong.

Fa atswa la gagwe kgosana, Rre Gaothobogwe o lebogile mopalamente, dikgosi, borangwanaagwe, dikgosi, botsadi le morafe go mo neela bogosi ka fa molaong a re ke yone tsamaiso e e maleba.

Rre Gaothobogwe o dirile mo meepong e e farologaneng ya lefatshe leno, ke motshameki wa kgwele ya dinao gape ke seopedi sa mmino wa disco.

Kgoasana Gaothobogwe o solofeditse go solegela banni ba motse wa gagwe mosola ba bontsi e leng banana a re o tlhaloganye botoka tse banana ba ditlhokang le tse ba eletsang go di dira a re o solofela tirisano mmogo e ntle le bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso simon

Location : TUMASERA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Jan 2020