Puso e tlaa tsibogela seemo sa setsidifatsi sa Deborah
21 Jan 2020
Mopalamente wa Mochudi Botlhaba, a re setsidifatsi sa baswi kwa kokelong ya Deborah Retief Memorial (DRM) se na le dingwaga dile nne se sa bereke.
Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng, Rre Mabule Pule, o boletse fa baetelepedi ba lephata la botsogo le boitekanelo ba itse seemo se, mme ba supile fa ba dirisa dikhamphani tse di ikemetseng ka nosi go thusa fa baswi ba tshwanetse go tsenngwa mo ditsidifatsing.
“Seemo se ntse jalo betsho, mme re solofela fa se tlaa baakanngwa fa puso e re agela sepatela se sesha,” a rialo.
Rre Pule, yo gape eleng mothusa motsamaisa dipuisanyo tsa palamente, o ne a supa fa tlhomamiso ya gore motho o tlhokafetse e dirwa ke dingaka fela mme mo bo gompienong e dirwa kwa Mmathubukwane le Mochudi fela.
A re dikeletso tsa gagwe le makhanselara ke gore go nne le dingaka le dikoloi tsa balwetse ka dioura tsotlhe tsa letsatsi.
O supile fa a tshwenngwa ke dikhamphani tse di thapilweng go gopa ditsela.
A re se ga se diragale ka fa tsamaisong, ka banni bangwe ba supa fa dikhamphane tse di dira tiro bosigo.
“Ke ne ka botsa bogogi jwa khansele gore ba mpolelele maina a dikhamphane tse di filweng tiro e, mme go a lemosega gore ga se tsa bana ba mo gae, a re thapeng bana ba mo gae betsho,” ga bua Rre Pule.
A re ga a rotloetse semorafe, mme a dumela fa bana ba mo gae ba ka se ba tle go latlhelela ditiro tse di tlhabolong magae a bone.
“Lefatshe fela ka bophara, a re feng bana ba metse ditiro tsa metse ya bone,” a tswelela.
A re go na le dingongorego tsa gore batho ba Ramotlabaki le Oliphant’s Drift ba tsenwa ke mala fa ba sena go nwa metsi, mme a re se ke sebaka sa gore ba lephata la metsi ba tlhalosetse
Batswana gore ba lekola didiriswa tse di isang metsi jang.
Fa a tswa la gagwe, mmereki wa ofisi ya nyeletso lehuma kwa Kgatleng, Mme Rebaone Tladi, a re mananeo a a filweng batho go itshetsa a feta lekgolo, mme go bereka fela a dipodi.
“Tse dingwe di eme. Batswana ga ba na bopelotelele le botswapelo, ba batla dilo tse di motlhofo ebile dile bogadi gaufi,” a rialo.
A re ba tsweletse le go tshwaragana le makalana a a rutuntshang bagwebi, ele maiteko a go fa banni thutuntsho pele ba fiwa dithuso.
Mokhanselara wa Oliphant’s Drift Cllr Elizabeth Licnhwe o kopile tirisanyo mmogo e e tsepameng magareng ga gagwe le morafe mo dingwageng tse tlhano tse a di filweng ele mogogi wa sepolotiki.
A re o eletsa go tlhabolola motse a sa tlogela ope ko morago, mme ele tshwanelo gore batho ba dirisanye le ene ka tlhompho, nnete le therisanyo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Omphile Ntakhwana
Location : OLIPHANT’S DRIFT
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 21 Jan 2020