Malope o gakolola ka tsamaiso ya patlo
21 Jan 2020
Kgosikgolo wa Bangwaketse, Kgosi Malope II, o gakolotse morafe go ipha nako ya go tsamaisa dipatlo tsa manyalo.
O buile se kwa phuthegong ya kgotla kwa Kanye bosheng.
A re o itse ka ngongorego ya morafe mabapi le dipatlo tse di tshwarwang morago ga go supa dikgomo kwa kgotleng.
Banni ba re ba patelesega go batla motshegare.
Kgosi Malope a re ga go patelesege gore go tshwarwe patlo fela morago fa dikgomo di sena go supiwa kwa kgotleng.
A re beng ba lenyalo ba ka buisanya gore a ba ka dira patlo mo tshokologong kana ba batle ka letsatsi le lengwe.
Kgosikgolo a re se se botlhokwa ke go kwadisa dikgomo kwa kgotleng.
E rile a bua ka dintsho, Kgosi Malope a supa matshwenyego ka diphitlho tse di diegang, mme a kopa morafe go itlwaetsa go somarela nako.
“Batho ba tshaba go re fitlha ba re kwa Kanye go tlholwa mo phitlhong” Kgosi Malope a tlatsa.
O gakolotse morafe go dirisa letsatsi la segopotso sa moswi go letla dibui ka bontsi go bua go fokotsa tiro ka letsatsi la phitlho.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Kgosi Malope a re o tshwenngwa ke dikgang tsa bogodu le dipolaano.
O ne a kopa batsadi go kgalemela bana ba bone ka maikaelelo a go tokafatsa seemo.
Ntswa morafe o ikuetse gore moretlwa o lele mo baneng ba ba senang tsebe, Kgosi Malope o tlhalositse fa le bone e le magosi ba eletsa jalo mme molao o ba baya ka fa mosing ka o sa letlelele thupa ya mokwatla.
Fa a tswa la gagwe, kgosana wa goorra Morupi, Rre Mpho Kenosi a re o tshwenngwa ke seemo se e reng fa motho wa mme a sa nyalwa e be go tla gore bana ba gagwe ba e leng ditlogolo ba ithekolole ba ntshetse motsadi wa bone magadi.
A re golo moo go tsile go felela go tsosa dikgotlhang ka jalo a kopa kgosikgolo gore ntlha e ba e tsenye leitlho.
Kgosi wa Mmathethe, Rre Daniel Mathiba, a re kgang ya gore ditlogolo di ithekolole e goroga bosheng mme e bile e tshwanetse go tsibogelwa.
Kgosi Mathiba a re o itse gore ngwana o ntshediwa bogadi ke rraagwe a mo tsaya fa a sa nyala mmaagwe.
A re fa mmangwana a nyalwa go iwa kwa go rraagwe a ye go bodiwa gore a o tsaya ngwana kana a rebole mma ngwana a tsamaye le ene kwa lenyalong le a tsenang mo go lone.
Mothusa kgosikgolo, Rre Kebapetse Telekelo, a re lefoko la la go ithekolola le tla gompieno, a re bogologolo ba ne ba itse gore bana ba apesa mmaabone tjale, ba dira jalo ba latlheletse bomalomaagwe sengwe mme e seng bogadi gore e re fa go tshwerwe ditiro mmaabo a seka a kgaphelwa ntle.
Mme Serame o ne a bua gore go simololwe ko botsading ka ke jone pitsana ya ditagi, bana ba tshola mo go bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 21 Jan 2020