Breaking News

Thusang balwetse ka lerato monyenyo le boineelo

20 Jan 2020

Mopalamente wa Kanye Borwa, Dr Lemogang Kwape, a re go botlhokwa gore badiri ba lephata la Botsogo le Boitekanelo ba lekodise setshaba ka tlhaelo ya melemo le bodiredi  ka tlotlo, lerato le monyenyo.

Dr Kwape o buile se fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa go goora-Sebego le goo-Kgano kwa Kanye ka Labotlhano

Dr Kwape, yo e leng tona wa Lephata la Botsogo le Boitekanelo, a re ke boammaaruri gore dikokelo le dikokelwana  dingwe di tlhaelelwa ke melemo le bodiredi, mme balwetse ba tshwanetse go thusiwa ka sentle.

O ne a tsibogela matshwenyego a banni ba dikgotla tseo morago ga gore ba mo lekodise ka tlhaelo ya bodiredi le melemo ya balwetse ba madi a matona le ba sukiri kwa kokelwaneng ya Sebego.

O ne a rotloetsa banni go itshidila mmele le go ja dijo tse di siametseng botsogo ka jaana di ka thusa go hema malwetse.

Dr Kwape o ne a kgothatsa banni go lema ditlhare tsa maungo mo malwapeng a bone, a re seo e tlaa bo e le tsela ya go itshetsa le go rotloetsa botsogo.

Mabapi le thuto, mopalamente o ne a supa matshwenyego ka maduo a sekole se sebotlana sa Sebego a re ga a itumedise, mme a kopa batsadi go nna le seabe mo thutong ya bana ba bone go thusa barutabana.

O kopile bogogi jwa sekole go kopana le batsadi go tswa ka megopolo e e ka thusang go re maduo a sekole seo a tokafale.

Mo tekodisong, dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse tsa dikgotla tseo, di ne tsa supa matshwenyego ka ditsela tsa dikgotla tsa bone ba re di mo seemong se se maswe mme ba kopa gore di tshelwe lekgarapana le gore dingwe tsa tsone di dirwe ka ditena.

Ba re seemo sa ditsela tseo se dira gore ditlhabololo tsa dikgotla tsa bone di salele kwa morago.

Ba kopile gore go nne le lekalana la pelegiso kwa kokelwaneng ya Sebego le go okelediwa palo ya babereki ba lenanaeo le Ipelegeng ba re ba fiwa palo e potlana thata.

Banni bao ba ngongoregile le ka ntlo ya borutelo ya matlhatlaganyane e e gomagometsang gowa kwa sekoleng se sebotlana sa Sebego, mme ba kopa gore go agiwe matlo a borutelo a le mabedi kwa sekoleng seo go imolola kago eo.

Ba kopile gore dithuso tsa lenaneo la nyeletso lehuma di fefosiwe ka jaana go tsaya nako e ntsi gore batho ba thusiwe.

E rile Mopalamente Kwape a tsibogela matshwenyego a bone a re o ne a etetse sekole seo, mme se go buiwang ka sone o se bone.

A re seemo sa kago eo ya matlhatlaganyane o se bone, mme se tlhoka go potlakelwa ka e se le borai thata mo matshelong a batho.

Mabapi le ditsela, Dr Kwape a re seemo seo se tla a tsibogelwa ka go dira sekidi go tsweng foo se sengwe fa madi a nna teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : KANYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Jan 2020