Pule o rotloetsa banni go ikemela ka dinao
20 Jan 2020
Mopalamente wa kgaolo ya Mochudi Botlhaba o rotloeditse banni ba Oliphant’s Drift go emisa go ikaega ka puso mo sengweng le sengwe.
Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo maabane, Rre Mabuse Pule, o ne a supa botlhokwa jwa gore Batswana ba ikemele ka dinao.
A re batho ba tshwanetse go itse gore puso ga e kake ya ba direla sengwe le sengwe, ka jalo ba tshwanetse go tsaa boikarabelo jwa go tokafatsa matshelo a bone.
A re go na le mananeo a a itebagantseng le go thusa Batswana mo temo-thuong, go tsena dikolo, go tlhabolola masimo le go fefosa phetolo ya tiriso ya lefatshe.
Rre Pule, yo gape e leng mothusa motsamaisa dipuisanyo tsa palamente, o tlhamamisitse fa tautona a ba romile go tsamaa lefatshe lotlhe go leboga Batswana go tlhopha ka kagiso le thokgamo.
O solofeditse banni gore o tsile go thusa mongwe le mongwe ka tlhomamo.
O kgothaditse banana go tswa mo nnotaging a re ba itebaganye le mananeo a puso ba tle ba kgone go ikagela bokamoso jo bo botoka. A re o tshwenngwa ke ba ba batlang go bua le ene ka ditlhabololo le dieemo tsa metse ya bone, mme ba tlola makhanselara.
“Ga go nne sentle gore e nne nna jaanong ke yang ko makhanselareng ka dilelo tsa lona, mme lona le ba tlodile. A re tsamaiseng dilo sentle betsho,” a tswelela.
Rre Pule o akgoletse komiti ya ditlhabololo tsa motse go dira tiro e ntle.
O ne a itlhaopa go rekela lefelo la motlobo wa dibuka la Oliphant’s Drift computara.
“Ke dira se ka gore go botlhokwa go dirisa maranyane a go bala le go ikgolaganya le dinako tsa gompieno tsa maranyane a ICT,” a rialo.
O supile fa a tshwentswe gape ke letlhoko la maranyane a wifi mo motseng a re se ke poele morago ebile ga go a tshwanela gore nkabo go ntse jalo.
“Ba ba lebaneng le dikgang tse ke kopa le eme ka dinao le bone gore dilo tse di a baakanngwa re tlhabolole Batswana,” ga tswelela Rre Pule.
O ne gape a itebeganya le selelo sa gore badirela puso le dikhamphani dingwe, di tla fela mo motseng go dira ditiro dingwe go sena therisano go eme.
“Therisano e botlhokwa betsho. Rerisanang fela sentle le ipege mo bathong le lese go nyenyefatsa badiri ka lona,” a kgothatsa.
Rre Pule a re mogopolo wa gore metse ya Oliphant’s Drift le Ramotlabaki e bulelwe lefelo la go tlolela ka kwa Afrika Borwa ka fa molaong o le montle fela thata mme a tlaa o lwela kwa palamenteng.
A re nako e tsile jaanong ya gore tlhabologo e, e atumediwe batho ka Sikwane a le kgakala go lebilwe gape le seemo tsa ditsela.
“Mme ke batla go tsibosa botlhe ba eleng gore ba ntse ba tlolela ka ko Afrika Borwa ese ka fa molaong gore ba emise go dira jalo,” a rialo.
O kgotaditse komiti ya ditlhabololo tsa motse go dira mananeo le megopolo ya ditlhabololo tse di tlhokegang gore di kgone go sekasekiwa di batlelwe madi mo letloleng la kgaolo. A re ba dumalane le mkhanselara gore letlole la dikgaolo le tshwanetse go dirisiwa mo metseng fela yotlhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Omphile Ntakhwana
Location : OLIPHANT’S DRIFT
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 Jan 2020




