Lelatisitswe o rotloetsa bopelotelele
20 Jan 2020
Mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe, o kopile banni ba Makgaba go nna pelotelele ka jaana ditlhabololo di sa tle ka nako e le nngwe.
Mopalamente, yo gape a leng Mothusa Tona wa Botsogo le Boitekanelo, o buile se fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng.
A re Makgaba o na le dingwaga di le pedi a tlhomilwe motse semmuso ka jalo ditlamelo di tlaa tla ka bonya, a tlatsa ka gore fa a lebelela tse di setseng di dirilwe, o bona puso e gatetse pele mo go ba isetseng ditlamelo.
Rre Lelatisitswe o ne a amogela mokhanselara wa kgaolo ya Mokubilo/Mmea e e akaretsang Makgaba a re ba tshwaraganele go isa dilelo tsa setshaba kwa khanseleng le palamente.
Rre Lelatisitswe o ne a kopa morafe gore bereka sentle le mokhanselara.
O boletse fa leeto la gagwe e le go tla go dumedisa morafe morago ga ditlhopho le ngwaga o mosha gammogo le go tsaya matshwenyego a bone go isa kwa palamenteng e e tlang ya kgaoganyo ya madi a setshaba.
Mabapi le sekolo, mopalamente o ne a kgothatsa batsadi gore ba nne ba tlhola bana ba bone kwa dikolong a re fa ba ngwegile ba netefatse gore ba ba busetsa morago.
Rre Lelatisitswe o kopile batsadi gore ba rute bana mosola wa go tsena sekolo a tlatsa ka gore batsadi ba tshwanetse go kgalemela bana fa ba tlhoka tsebe.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Moikotlhai Bitsanang o ne a lebogela mananeo a a dirilweng le a a tsweletseng.
Rre Bitsanang o supile fa matshwenyego a matona e le metsi, a re ba ne ba solofeditswe gore ba tlaa tsenyetswa dipompo tsa mekgwatlha ngwaga oo fetileng.
Modulasetilo a re ntlo e ba tsisetswang ditlamelo tsa botsogo mo go yone ga e a siama ka e sena matlhaba phefo le ntlwana ya boitiketso.
Rre Bitsanang o ne a lela ka sekolo sa bone ka jaana bana ba bone ba nna kwa dihoseteleng tsa RADS kwa a reng ga gona tlhokomelo ee kgotsofatsang.
O tlhalositse gape gore ba tlhoka sepodisi ka gore go na le botlhoka tsebe jo bontsi mo motseng wa bone.
Mo go tse dingwe banni ba ne ba lela ka tshenyo ya ditlou le tiego ya phimolo dikeledi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : MAKGABA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 Jan 2020




