Barui ba rutuntshiwa ka lenaneo la dihutshane
20 Jan 2020
Batswana ba rotloeditswe go dirisa mananeo a nyeletso lehuma go tlhabolola matshelo a bone.
Thotloetso e, e ne e fiwa banni ba ba abetsweng dihutshane ba metsana ya Moreomabele, Topisi, Maunatlala, Matlhakola, Moletemane le Malaka mo thuto puisanong kwa Palapye bosheng.
Mookamedi wa dihutshane mo lenaneong la nyeletso lehuma, Rre David Serumola o tlhalositse fa go nna le dihutshane e le tshwetso e ntle thata.
A re ba lemogile fa lefatshe leno le aparetswe ke letlhoko la nama ya kgomo ntateng ya leuba.
O tsweletse ka gore dihutshane di palo potlana thata go na le dikgomo mo lefatsheng leno, ka jalo go le botlhokwa go di rua.
O gakolotse gape gore dihutshane di kgona go tsenya madi aa botoka.
Rre Serumola o tlhalositse gape gore puso e mo tsheka tshekong ya go aga matlhabelo a dipodi kwa Maun, ka jalo go rekisa dipodi go tlaa nna motlhofo.
Ba tsena dipuisano tse ba ne ba rutwa ka mefuta le tlhokomelo ya dihutshane, malwetse a a farologaneng a tsone, thibelo malwetse, kalafi le melemo ya tsone.
Ba ne ba gakololwa gore ipapatso ke selo sa botlhokwa fa ba batla go dira letseno go itshetsa ka leruo, ka jalo ba kopilwe go isa leruo la bone kwa ditshupong le go dirisa ditsela tse dingwe tsa ipapatso jaaka mafaratlhatlha a maranyane a segompieno.
Banni ba ne ba leboga thata go bo puso e bone go tshwanela go simolodisa lenaneo la nyeletso lehuma, ba re le mosola e bile le tlaa fetola matshelo a bone.
Ba tsweletse ka go lebogela dithuto puisano ba kaya fa ba ithutile go le gontsi ka dihutshane mme ba tlaa dira ka natla go ntsha maduo a a solofetsweng mo go bone morago ga thutuntsho e. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Mososo
Location : Palapye
Event : Thuto-puisanyo
Date : 20 Jan 2020




