Itshetseng ka meamuso ya kgaolo - Dikoloti
20 Jan 2020
Mopalamente wa Mmathethe/Molapowabojang, Dr Edwin Dikoloti, o gakolotse banni ba kgaolo eo go gweba ka ditsa-tlholego tse di mo kgaolong ya bone.
O buile se fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Gathwane bosheng.
Mopalamente o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore kgaolo ya bone e itsiwe ka bagwebi ba tlhwatlhwa.
A re sengwe sa tse di ka dirwang ke go lema morogo wa thepe.
Dr Dikoloti, yo gape e leng tona wa Tlhabololo Temo thuo le Dijo, o tlhalositse fa morogo wa thepe o na le dikotla tse dintsi go feta merogo e mengwe mme ka jalo go le botlhokwa go lema morogo oo.
O ba gakolotse gape gore kgaolo ya bone e na le bokgoni jwa go lema ditlhare tsa maungo.
Mopalamente Dikoloti a re o tlaa ba abela ditlhare mme a kopa boeteledipele go neela kgosi le bo ralekgotla go simolola go nna le ditlhare tse tsa maungo mo malwapeng go tlhagolela tsela ya gore kgaolo e itsege masimo a ditlhare tsa maungo.
Dr Dikoloti o kopile banni go tlhagafalela temo ka e ka batsisetsa khumo mme a ba kopa go dirisa mananeo a puso go godisa temo ya bone.
Mopalamente a re ga a jeswe diwelang ke kgang ya letlhoko la ditiro mme a tlhalosa fa ba tla a leka ka bojotlhe go tswa ka methale e mentsi ya go thama mebereko.
O kaile fa dijo tsa Setswana le maungo le tsone e ka nna kgwebo e e nonneng, mme e ka tlhabololwa ka go dirisa makalana a tshwana le la NAFTEC.
Dr Dikoloti o kopile banni ba kgaolo ya gagwe go ema ka dinao go tlhabolola kgaolo.
Banni ba ne ba lela ka metsi le kabo ya lefatshe e ba supang e diega thata, mme a ba thomamiseletsa fa ba itse dikgang tse mme ba leka ka bojotlhe gore seemo se ritibale.
O tlhalositse fa a ne a bona go tshwanela gore a tsise makalana a a mo lephateng la temo thuo gore ba tle ba tlhalosetse setshaba ka dikgwebo le mananeo a a ka ba thusang gore ba fenye lehuma. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GATHWANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 Jan 2020




