Bani ba Ngwapa ba kopile gore ISPAAD e sekasekwe
20 Jan 2020
Banni ba Ngwapa ba kopile puso go seka seka gape lenaneo la ISPAAD ka maikaelelo a go le tlhabolola.
Ba re lenaneo leo le tlhoka didirisiwa tsa go lema ka ditselana mme ka jalo ba felele ba sa kgone go lema.
Ba ntshitse matshwenyego a bone mo phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke mopalamente wa Sefhare-Ramokgonami, Dr Kesitegile Gobotswang.
Ba kopile gore lenaneo le seka-sekwe go farologanya balemi ba ba lemelang go jela mo ganong le ba ba lemelang kgwebo.
Ba supile fa ba tlhaelelwa ke didirisiwa tse di tlhokwang mo temong ya ditselana jaaka dipolantere, ka jalo seemo seo se ba itsa go lema ka nako mo ba felelang ba bona thobo ee kwa tlase.
Ba tlhalositse gore ba tsaya lebaka ba emetse diterekere le didirisiwa tse dingwe tse di tlhokwang mo tsamaisong ya ISPAAD, ka jalo ba supa gore tsamaiso ya lenaneo le ga e ba tswele mosola ka gore ba felela ba siiwa ke bokgola jwa dipula tse di supileng fa di sa ikanyege.
Banni ba kopile gore lenaneo la ISPAAD le akaretse mekgwa ya go jwala le go lema ya maloba jaaka go gasa peo.
Sengwe gape se se tshwenyang balemi ba Ngwapa ke tlhaelo ya dipeo.
Ba re le fa ba kopile dipeo ka nako di tla di tlhaela, mme go bake tiego ya go lema le yone phokotsego ya thobo.
Ba gateletse botlhokwa jwa temo ka gore e thusa go ntsha dijo tsa go fepa ba malwapa a bone.
E rile a tsibogela matshwenyego a banni ba motse wa Ngwapa, Dr Gobotswang a tlhalosa fa a tlaa ikopanya le badiredi ba puso ba maphata a lebaganyeng go rola dilelo tsa bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Amantle Onneng
Location : NGWAPA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 Jan 2020




