Ba gakololwa go duela matlo a VDC
19 Jan 2020
Mopalamente wa Ramotswa, Rre Lefoko Moagi, o kopile badirela puso ba ba nnang kwa Otse kwa kgaolong ya Borwa-Botlhaba, go duela matlo a komiti ya ditlhabololo tsa motse a ba nnang mo go one.
Mopalamente o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Otse ka Labone morago ga gore maloko a komiti ya ditlhabololo a ikuele gore badirela puso ga ba duele matlo a bone mme se se dire gore go nne thata go ka baakanya matlo ao le go aga a mangwe.
Rre Moagi o gakolotse gore go dirwe dithulaganyo tsa gore matlo a duelwe, a re tsela e nngwe ke gore go buiwe le maphata a badirelang mo go one.
A re le fa badirelapuso ba tlhaelelwa ke boroko, ba tshwanetse go tlhaloganya gore komiti e tlhaelelwa ke ditsompelo tsa go oketsa maroko, ka jalo go botlhokwa gore matlo a duelwe gore komiti e dire madi.
Le fa go ntse jalo, go na le matlo a barutabana mo motseng a a sa nneng ope, mme mopalamente o kopile gore molaodi wa kgaolo le mokwaledi wa khansele ba kopanele kgang eo, matlo ao a tle a abelwe badirelapuso ba ba tlhaelelwang ke boroko.
Mopalamente Lefoko, yo gape e leng tona wa ditswa mmung, boranyane jwa pabalelo tikologo le kgotetso. o kopile maphata a puso go bopagana le go dirisana, a tlatsa ka gore matlo a tshwanetse go nna le mongwe go itsa go senyega le go fetoga matlotla.
Letlhoko la boroko le bakile gore mapodise a mararo a a neng a tshwanetse go theogelela kwa motseng oo, ba hudisetswe kwa metseng e mengwe.
Mo dikakgelong tsa bone, baagi ba motse oo ba kopile Rre Moagi go dirisa maemo a gagwe go batlisisa ka khamphane ya moepo e e ntseng e dira ditshekatsheko ka manganese.
Rre Isaacs Khan o boletse fa moepo o tlaa ba tlhamela ditiro.
O ne gape a ngongorega ka ditlhwatlhwa tsa didiba a re di kwa godimo, a kopa gore batho ba ba epang didiba kwa Aferika Borwa ba letlelelwe go dira dikgwebo mo lefatsheng leno ka ditlhwatlhwa tsa bone di le kwa tlase.
Rre Khan o ne a ngongorega ka khansele ya Borwa-Botlhaba a re ntswa e le potlana mo go tse dingwe, e palelwa ke go dira ditlhabololo.
A re tsela ya mo motseng e sale e simolololwa go tsenngwa ditena ngogola ka Moranang mme le gompieno ga e ise e fele, a re se, se supa boitseme mo tirong.
Rre Simon Magana o kopile gore go dupiwe dibuka tsa komiti ya ditlhabololo a re e re le ntswa komiti e tshwanetse ya ntsha pego ngwaga le ngwaga, selo se ga se diragale.
Rre Otsile Kgosithaba o kopile sekolo sa diatla kwa kgaolong eo a bo a ntsha mogopolo wa gore kgaolo ya bone e na le dilo tse di mmalwanyana tse di ka okang bajanala.
Mo go tse dingwe ba ne ba supa fa ba tshwenngwa ke gore ga ba itse gore dithata tsa palamente di felela kae ka e rile komiti ya palamente e sena go sekaseka matlhabelo a dikgomo a Lobatse, ga seka ga tsewa dikgato dipe ntse go ne go builwe fa madi a le mantsi a nyeletse.
Ba ne gape ba re Bamalete Development Trust e ikgagapaletse dithoto tsa morafe, e bile se se dia ditlhabololo tsa motse.
Mo go tse dingwe, go ne ga tlhalosega fa kopo ya madi a ditlhabololo tsa motse go agelela lebala e gakgamatsa, ka kitso ya gore komiti e ne ya fiwa P1 million o mo nakong eno go sa itsiweng gore o dirisitswe eng.
Fa a ba kgwa dikgaba, Mopalamente Moagi o ne a tlhalosa fa bangwe ba supile kgatlhego ya go dira moepo mo kgaolong ya bone, a tlatsa ka gore go lebela fa ditswa mmung tsa manganese di kgabaganya go tswa Kanye, Lobatse le Otse.
O boletse fa maikaelelo e le go dirisa ditswa mmung tseo go dira di battery mme a bua fa maikaelelo a puso e le go rotloetsa bo beng ba kgwebo gore malatlha a dirwe mo
Botswana, mme seo se tlhamele Batswana ditiro.
Mopalamente Moagi o ne a kopa gore dibuka tsa makgotla otlhe di dupiwe a bo a tlhalosa fa palamente e ikemetse ka bo nosi, e le mengwe ya matshego a mararo a a tsamaisang puso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Otse
Event : Phuthegong ya kgotla
Date : 19 Jan 2020




