Breaking News

Banni ba Sebina le Nshakashogwe lela ka lenyora

19 Jan 2020

 Baagi ba Sebina le Nshakashogwe ba boleletswe fa thulaganyo ya go siela metse ya bone metsi go tswa kwa letamong la Ntimbale e tsweletse.

Se, se builwe ke mopalamente wa Shashe Bophirima, Rre Fidelis Molao mo diphuthegong tsa kgotla bosheng.

A re tiro eo, ee tlaa lopang P300 million, e akaretsa kgokelo ya metsi mo metseng e le masome matlhano le bobedi.

Rre Molao, yo gape e leng tona wa thuto go tswa kwa moding, a re tiro e tlaa simolola kgwedi e tlang e rogwa, mme go solofetswe gore e wediwe kgwedi ya Seetebosigo ngwaga oo tlang.

A re seo e tlaa bo e le yone tharabololo ya sennelaruri ya selelo sa letlhoko le tlhaelo ya metsi.

O tsweletse a bolela fa didiba di le lesome le bobedi tsa Maitengwe tse di nosang metse mengwe e e mo kgaolong eo di dira sentle kwa ntle ga tse pedi fela.

A re metsi a a tswang koo ga a lekane go nosa batho, ka jalo ke sone se se dirang gore metse mengwe e tlhaelelwe ke metsi.

A re le fa go ntse jalo, puso e leka bojotlhe go bona gore batho ba bona metsi ka e santse e le mo thulaganyong ya go gokela sediba se se kwa Goshwe gore le sone se thuse ka sena le metsi a mantsi.

Mo go tse dingwe, Rre Molao o ile a gakolola dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse eo gore ka madi a abelwang dikgaolo a P10 million, ba kopane e le metse ya Shashe bophirima gore batle ba solegelwe molemo ke lenaneo leo, gona le fa baikemetse ka nosi.

Banni ba metse eo, ba ne ba lela ka letlhoko la metsi, mo ba setseng ba a nwa metsi a noka,selo se ba kaileng se baya matshelo a bone mo diphatseng.

Kwa Sebina, Kgosi Shathani Kgakanyane o ne a ngongoregela majalwa a a titielwang mo malwapeng le diletso tse di letswang bosigo jotlhe. Kgosi a re seemo se ne se dule mo taolong bogolo jang ka malatsi a boitapoloso a botsalo jwa Morena le ngwaga o mosha.

Fa a tsibogela mangwe a matshwenyego, Rre Molao o boletse fa ina lentle le itirelwa ka jalo a kopa banni ba metse eo go bona gore ba fedisa botlhokatsebe ka ponyo ya leitlho.

O ne gape a gakolola gore ba ba direlang dikgwebo mo maplwapeng ba bone gore dikgwebo tsa bone ga di kgoreletse botsogo le kagiso ya ba ba bapileng le bone le yone kgotlelesego ya tikologo tota.

Mogolwane kwa khamphaneng ya metsi, Rre Morris Mpotsang, a re maiteko a bone ke go bona gore mo nakong ya gompieno ke efe metse e tlhaelelwang ke metsi le goire e ka thusiwa jang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Sebina

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Jan 2020