Breaking News

Dikgang tsa petelelo ga di robatse mopalamente

19 Jan 2020

Mopalamente wa Bokone Bophirima, Rre Dumelang Saleshando, a re o tshwenngwa ke dikgang tsa petelelo tse di ileng magoletsa kwa Maun.

O buile seo fa bomme ba bapagami ba dikuta ba Women Riders World Relay (WRWR) ba ne ba abela mokgatlho wa Women Against Rape (WAR) didiriswa tsa go tlhapa le go tlhatswa kwa Maun bosheng.

Rre Saleshando a re dipalo tsa mapodisi di supa fa dikgang tsa petelelo di feta dikgang tsotlhe tsa borukhuthi kwa kgaolwaneng eo ya sepodisi.

Ka jalo o ne a supa fa go le botlhokwa gore go tsenngwe letsogo mo kgodisong ya ngwana wa mosimane gore bana ba basimane ba itse go tlotla motho wa mme.

A re dikgang tsa polao ya bomme le tsone di kwa godimo kwa Maun.

Rre Saleshando o ne a akgolela bomme ba Women Riders World Relay go abela mokgatlho wa WAR oo lebaganyeng le go thusa batho ba ba amilweng ke kgokgontsho, segolo jang bomme le bana.

O ne a gwetlha bomme ba bapagami ba dikuta gore ba tsweledise mowa o montle wa go abela ba ba tlhokileng lesego.

Rre Saleshando o ne gape a re ba dira tiro e ntle ya go supa fa go kgweetsa dikuta go ka dirwa ke mongwe le mongwe, e bile e se ga batho  ba ba makgwakgwafela.

Mogolwane go tswa kwa WAR, Rre Lethogile Mpho, o ne akgola bomme bao ka thotoetso ya dimpho e ba neng ba e tshwaraganetse le Botswana Insurance Company (BIC).

A re mokgatlho wa WAR o tshela ka dithuso tse o di bonang mo makalaneng a a ikemetseng ka nosi. A re mokgatlho oo wa boithaopo o fa ba ba amilweng ke kgokgontsho bogakolodi le dithuso tsa go seka mo makgotleng a ditsheko.

Rre Mpho o ne a akgolela bomme ba Women Riders World Relay go bo ba beile Botswana mo mmepeng ka mabelo ao a dikuta.

Mabelo a Women Riders World Relay a simolotse kwa lefatsheng la Scotland mme a tlhotlhoma mafatshe ka maikaelelo a go tshwaraganya bomme le go ba tsibosa ka mabelo a diabesekele. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Maun

Event : Kabo dimpho

Date : 19 Jan 2020