Breaking News

Banni ga ba jesiwe di welang ke tsela

19 Jan 2020

Banni ba Changate ga ba jesiwe di welang ke tsela e e lekgarapana.

Ba ntshitse matshwenyego mo phuthegong ya mopalamente wa kgaolo ya Nkange, Dr Never Tshabang bosheng.

Ba re tsela eo e ba senyetsa dikoloi ka e nna ka go gopiwa go sa tshelwe metsi le mmu, mme seo se pitokolole matlapa a a felelang a nna borai mo dikoloing.

Ba re se se ngomolang pelo go feta ke gore tsela eo ga e a akarediwa mo mananeong a ditogamaano tsa ditlhabololo.

Mokhanselara wa Nkange Botlhaba, Rre Dema Jesi o ne a kopa gore madi a ditlhabololo a dikgaolo a P10 million a dirisiwe go aga tsela eo.

Mopalamente Tshabang ene o boletse fa puso e ikaeletse go busetsa ditirelo dingwe kwa khanseleng gore ditlamelo di goroge kwa bathong ka nako.

A re kgang ya tsela e a ama ka jalo ba tla nna ba kopa puso go tsibogela seemo seo.

A re go tlaa nna le thulaganyo e e tla dirwang go tsaya mogopolo mo bathong tebang le tshekatsheko ya molao oo tlaa letlang gore go simolodisiwe go ruta bana teme ya bone fa ba santse ba simolola sekole.

A re le yone ke kgang e merafe e ntseng e lela ka yone ka jalo a kopa batho go tsaya karolo ka nako ya thulaganyo eo.

Fa arabela bothata jwa metsi, mogolwane wa khamphane ya metsi kwa Tutume, Rre Batshepi Dilo o boletse fa ba le mo thulaganyong ya go reka tanka e nngwe e e tla agiwang kwa botlhaba tsatsi jwa motse oo go nosa batho ba koo ka e e leng teng metsi a yone a sa kgone go goroga koo.

Rre Dilo o ne gape a bolela fa lenaneo la bone la go thiba diphaephe tse di dutlang le tsweletse mo kgaolong, e bile a tshepisa fa ba tlaa goroga mo malatsing a a gaufi go thiba diphaephe tse di dutlang.

O gakolotse komiti ya ditlhabololo tsa motse gore mo dingweng tsa dikopo tsa mananeo a bone, ba nne ba akaretsa thulaganyo ya go phatlalatsa diphaephe tsa metsi mo motseng gore batho ba kgone go gokela metsi.

Dr Tshabang o mo leetong la go lekola kgaolo le go tsaya megopolo mo bathong go isa kwa palamenteng e e tlaang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Changate

Event : Phuthegong ya kgotla

Date : 19 Jan 2020