Breaking News

Kwena e phamotse ngwana

17 Jan 2020

Mapodisi a Kasane ba boloditse letsholo la go batla mosimanyana wa dingwaga tse di supang yo e rileng ka Labone (Jan 16) a gogelwa ke kwena mo metsing.

Go ya ka Assistant Superintendent James Kabangu, mosimanyana yoo, go bolelelwa fa ene le ba bangwe ba dingwaga tse di ferang bongwe le lesome ba ne ba romilwe go isa mokwalo kwa Mowana Lodge mme ya re morago ba ya go thuma mo nokeng ya Chobe go lebagana le Impalila Island.

A re ngwana o ne a tsena mo metsing mme ba babedi ba ba neng ba na le ene ba bona kwena e mo phamola e itatlhela mo metsing ka ene. ASP Kabungu a re mapodisi a ne a begelwa tiragalo ka nako ya botlhano mme bone le masole gammogo le mapodisi a Namibia ba leka go batla ngwana mme ka go tlhoka lesego a seka a bonala go fitlhelela le phirima.

O tlhalositse fa letsholo la go batla ngwana yoo le tlaa tsweledisiwa mosong ono. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keamogetse Letsholo

Location : Kasane

Event : Potsolotso

Date : 17 Jan 2020