Breaking News

Baagi ba Takatokwane ba itumelela pula

16 Jan 2020

Kgosi Visco Tsiane wa Takatokwane o supile fa ba itumeletse dipula tse di neleng monongwaga.

O buile jaana fa a amogela baeng kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane Rre Friction Leuwe ka Labobedi.

Kgosi Tsiane o supile fa ba na le matshwenyego a kokelawana e e onetseng, letlhoko la matlo a badirelapuso, letlhoko la koloi ya kokelwana e e itekanetseng, kgaogo ya motlakase le dikompone tsa badisa dikago tse di sa dueleng babareki.

E rile a a fa tekodiso ya motse, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Cornelius Dekoker a supa fa ba na le tiro e e santseng e tsweletse ya matlo a mabedi a thekiso, matlo a mabedi a boroko a kokelwana, go aga ntlwana ya boitiketso le go agelela mabitla.

Fa a tswa la gagwe, mopalamente Rre Leuwe o ne a akgolela Batswana go tlhopha ka kagiso, mme a kopa banni ba Takatokwane go tlogela dipharologanyo tsa sepolotiki mme ba tshwaraganele go tlhabolola motse.

O ba rotloeditse go isa dikgang tse di ba tshwenyang kwa ofising ya ga mopalamente gore ba thusiwe, a bo a ba kopa gore ba seka ba emela phuthego ya mopalamente go ntsha matshwenyego a bone.

O ne gape a kopa makhanselara go tshwaragana gore ba kgone go tlhabolola kgaolo.   

O kopile banni go kopa dilo tse di ka solegelang batho ba le bantsi molemo jaaka metsi fa ba kopa madi a dikgaolo a ditlhabololo.

E rile a mo kgwa dikgaba, modulasetilo wa pele wa khansele-potlana ya Letlhakeng Rre Tlotlo Batlhophi on ne a kopa gore go etelwe molawana wa lenaneo la go sekaseka batlhoki, a supa fa o siilwe ke nako.

O kopile gore fa ba dira melao kwa palamenteng ba tsenye ntlha ya gore fa dikompone tsa badisadikago di sa duele babereki sentle, dikhansele di nne le dithata tsa go goga madi a tsone go duela babereki bao, ke gone di bo di neelwa chenchi.

Rre Makgona Setammana o ne a kopa gore go fokodiwe lebaka la go nna ba sa bewe ditsha, le gore ba agelwe sekole se sengwe se sebotlana.

Bangwe ba ne ba supa fa go se na metsi kwa ditsheng, gore ba sale ba emela lenaneo la nyeletso lehuma le go tlhoka melemo kwa kokelwaneng.

Mothusa molaodi wa kgaolo- potlana ya Letlhakeng, Rre Mosipidi Mokgolele o ne a supa fa lefatshe lotlhe le lela ka go tlhoka go bewa ditsha, mme mabaka a magolo e le gore go tshwanetse gore di potielwe di bo di segwa, pele ga di neelwa baikopedi.

O tlhalositse gore, gore sekole se sengwe se agwe, go tlaa laola dipalo tsa bana ba ba mo go se se leng teng.

O supile gape fa ba Water Utilities ba neela morafe boikarabelo jwa go tlhokomela dipompo, mme fa ba sa di tlhokomele ba a di tswala.

Le ene fela jalo o ne a kopa morafe gore e re ba kopa madi a ditlhabololo tsa motse, ba kope go gokelelwa metsi ka a le botlhokwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : TAKATOKWANE

Event : Phuthegong ya kgotla

Date : 16 Jan 2020