A ba ba maleba ba tsee boikarabelo
16 Jan 2020
Mopalamente wa Ramotswa, Rre Lefhoko Moagi a re o tshwenngwa ke go tlhoka boikarabelo mo go dirweng ga ditiro tsa ditlhabololo.
E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Ramotswa bosheng, Mopalamente Moagi a supa matshwenyego ka kgolo ya dikgang tsa ditiro tsa boleng jo bo kwa tlase, go ikgatholosa tumalano le mohiri mme tiro e dueletswe madimadi.
Mopalamente gape a re o tshwenngwa ke ditsheko tse di amang go ajwa ga ditiro tsa ditlhabololo fa gare ga beng ba dikonteraka le khansele, ka jaana go ama thata maiteko a go direla merafe ditlhabololo.
O bile a kopa gore boetelediepele bo lemoge maiteko a a dirwang ke morafe ka go thusa ka digopi tsa ditsela go tokafatsa seemo sa ditsela tse di betlilweng ke morafe go lomaganyang mafelo a temo le motse.
E re ntswa Rre Moagi, yo e bileng e le tona wa meepo, kgotetso le di-tswa mmung, a lemoga botlhokwa jwa gore banana ba fefogelwe go thusiwa, o supile matshwenyego a go tlhoka go duela dikoloto tsa YDF, a tlhalosa fa se se kgoreletsa maiteko a puso go atolosa palo ya ba ba thusiwang.
O supile fa go tlhoka go duela dikolo go ka nna borai, ka go ka gogela kwa go reng motho a gapelwe, mme e nne poela morago.
Mo mafokong a kamogelo, Kgosi Mosadi Seboko Kgosi wa Balete o akgoletse morafe go lemoga botlhokwa jwa go tsena diphuthego, tse a tlhalositseng di ba fa sebaka sa go rerisanya ka go tlhabolola motse.
“A ngwaga o re mo go one e nne wa diphetogo, go tokafatsa tse di saletseng morago mo lebakeng le le fetileng, mme re ipaakanye go ya pele re goga re le seopo sengwe le boeteledipele ka neelano,” ga gakolola Kgosi Mosadi.
Mothusa mokwaledi wa komiti kgolo ya ditlhabololo tsa motse, Rre Ophaketse Malale, o ne a ngongorega ka thulaganyo ya kabo ya madi a ditlhabololo tsa dikgaolo. A re e dirwa ke makhanselara ntle le go rerisa morafe.
O ne a kopa gore komiti kgolo e tshwaelwe madi a go tlhabolola motse ka tekatekanyo, e seng jaaka makhanselara ba gogela kobo kwa dikgaolong tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : RAMOTSWA
Event : Phuthegong ya kgotla
Date : 16 Jan 2020




