Breaking News

Tsela ya MandunyaneMathangwane e tlaa tswelela

16 Jan 2020

Banni ba Borolong ba boleletswe fa tsela ya MandunyaneMathangwane e e fetang kwa Shashe Mooke e ralala Borolong, Chadibe le Mathangwane e tlaa dirwa morago ga go emisiwa ga thendara e sena go ajwa ngogola.

Mopalamente wa Shashe Bophirima, Rre Fidelis Molao o boletse jalo kwa phuthego ya kgotla kwa Borolong ka Mosupologo Hirikgong 13. 

A re tsela eo e ya go tswelela e dirwa ka go fetola moalo wa yone wa pele go dirile gore go nne bonya go ka e simolola morago ga go emisiwa ga thendara ya ntlha.

Rre Molao a re baitseanape ba ditsela ba rile go kanoka tsela eo ba lemoga fa moalo o tlogetse dilo dingwe di tshwana le borogo jwa Semotswane le jwa Borolong, fa lefelong le terena e fetang kwa tlase, dikoloi di le kwa godimo le tsela e e fapogang mo go eo, e e tsamayang dikoloi tse ditona di sa ralale motse.

Rre Molao yo e bileng e le tona wa thuto go tswa kwa moding, a re moalo wa tsela o setse o dirilwe go mo legatong la bobedi la go phadisanela thendara.

A re tsela eo e tlaa dirwa ka ngwaga wa madi wa 20202021, mme e tlaa lopa P7 million.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Chanungwa Madzonga o ne a lebogela lenaneo la Ipelegeng, a re ka lone ba kgonne go teratelela mabitla le go aga ntlo ya boitiketso.

Modulasetilo o ne a ngongorega ka bonya jwa puso go tlhoma motse wa bone boremelelo jwa ditlamelo.

A re ba tswa kgakala ka kgang ya teng, gape a re ba sale ba kopile go atolosiwa ga kokelwana ya motse oo go nna e e belegisang.

Banni ba ne ba leboga thulaganyo ya go ba siela metsi go tswa kwa Shashe, e e setseng e simologile, ba re seo se tlaa araba selelo sa bone sa lenyora.

Ba ne gape ba kopa puso go ba agela sekole se segolwane mo motseng, ba supa fa bana ba bone ba tsena dikole kgakala, selo se ba reng se ba ketefaletsa go nna ba tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana.

Fa a araba mangwe a matshwenyego a bone, Rre Molao o boletse fa puso mo nakong ya gompieno e sena thulaganyo ya go aga dikole tse dikgolwane mo go tse di masome mararo le botlhano tse di leng teng.

A re gape kwa dikoleng tseo tse dikgolwane go santse go le botokanyana ka e bile dikole tse tharo tse di agilweng bosheng sa Nata, Shakawe le Mmadinare matlo a tsone a borutelo mangwe ga a dirisiwe, seo se supa gore di santse di tlhaelelwa ke palo ya baithuti.

A re mo dikoleng ba santse ba lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi, bogolo jang tlhaelo ya matlo a borutelo, mosuke kwa matlong a borobalo le go shafatsa matlo a a teng a borutelo ka dikole tseo di makgasa bontsi jwa tsone.

Mo go tse dingwe, o ne a rotloetsa banni go aga matlo go hirisetsa puso, a re le komiti ya ditlhabololo tsa motse fa e na le setsha e ka se neela Botswana Housing Corporation go aga matlo a a ka thusang mo selelong sa letlhoko la boroko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : BOBONONG

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 16 Jan 2020