Breaking News

Therisanyo ke konokono - Molebatsi

17 Jan 2020

Mopalamente wa Mmadinare Rre Molebatsi Molebatsi o supile fa go tsweng bogologolo lefatshe la Botswana le agetswe mo motheong wa therisanyo le setshaba.

Rre Molebatsi o supile fa se se sa tshwanela go fetoga, ka jalo baeteledipele ba tshwanetse go lekodisana le morafe go isa lefatshe kwa pele. 

O buile jaana fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Sefhophe ka Labobedi.

Rre Molebatsi  o ne a supa fa e ne ya re pele ga phuthego  a kopana le magosi, boeteledipele jwa maphata le komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa go neng ga bonala fa ba itlamile go tshwaragana le ene go tlhabolola Sefhophe.

O ne a tlhalosa fa madi a puso e a neelang dikgaolo a le mantsi mo morafe wa Sefhophe o ka itirelang ditlhabololo tse di ka ba direlang madi. 

Rre Molebatsi o ne a supa fa a itse ka letlhoko la kgaolo ya Mmadinare, a supa fa a setse a ikopantse le ba ba maleba jaaka tona wa tsa botsogo mabapi le tlhaelo ya bongaka.

O ne a supa fa palo ya batho e le yone e e tlaa dirang gore go sekasekwe gore a go ka godisiwa ditlamelo di tshwana le  kokelo le  tse dingwe. 

Fa a akgela, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Tlamelo Kootsene, o ne a tlhalosa fa ba  itlamile go bereka le boeteledipele jwa motse go tlhabolola motse wa bone.

Rre Kootsene a re e le komiti ya ditlhabololo ba itlamile go tlhabolola matlo a boroko gore a nne mo seemong sa segompieno go ka kgotsofatsa ba ba tlaa bong ba a dirisa. A re ba na le toro ya go aga matlwana a boitiketso a a duelelwang le marekisetso go itirela letseno.

A re sebe ss phiri ke letlhoko la lefatshe ka ba ne ba ikopanya le ba kabo ditsha  kwa ba neng ba bolelelwa fa go sena lefatshe le ba ka agang mo go lone.

Rre Kootsene a re seo ga se a ba kgoba marapo mme ba tlaa tswelela ba bona gore ba ka dira jang gore ba diragatsa ditoro tsa bone.

Fa ba akgwa mopalamente kgaba mongwe wa batsena phuthego, Mme Elizabeth Kedikilwe o supile fa  morafe wa Sefhophe o sa kgotsofalele ditlhabololo tse di agwang ka madi ao. 

Mme Kedikilwe o supile fa dikago dingwe di setse e le matlotla ka di tlogetswe di sa fela ka mabaka a gore gatwe madi a tlhaetse mme ka tebo ya matlho kago eo e ka seke e lope madi a a akantsweng.

O ne a kopa mopalamente le mokhanselara go emela dikgang tsa go nna jalo ka dinao ka go lebega dilo dingwe di sa dirwe sentle.

Mme Kedikilwe o ne a supa ba ba neetsweng didirisiwa tsa nyeletso lehuma ka monwana a re ga ba di tlhokomele ka dingwe tsa tsone di setse di seyo. 

A re ba tshwanetse go tsaya mananeo ao ka tlhoafalo ka go dirisiwa madi a mantsi a e leng makgetho a Batswana.

Fa a leboga, mokhanselara wa Sefhophe e bile e le modulasetilo wa khansele-potlana ya Bobirwa Rre Christopher Motsholapheko o ne a solofetsa morafe fa ene le mopalamente ba tlaa bereka mmogo go bona gore ditlamelo di goroga kwa bathong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SEFHOPHE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 17 Jan 2020