Breaking News

Ga ba robadiwe ke magodu a motlhaba

16 Jan 2020

Kgosi Keletshwaretse Phetsogang wa Mmatshumo a re ga ba robadiwe ke batho ba ba utswang motlhaba mo kgaolong ya bone.

Kgosi Phetsogang o buile jaana mo phuthegong ya kgotla, e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe bosheng.

A re se se ngomolang pelo ke gore magodu fa ba fitlhela dikgoro di tswetswe, ba a di thula e bile ba tlhapatsa banni fa ba leka go ba kgalemela.

Mo go tse dingwe, o supile fa maduo a sekole se sebotlana sa Mmatshumo a 73 per cent, a nametsa e bile a supa maiteko a barutabana.

Kgosi Phetsogang a re go ima ga bana ba sale bannye go a tshwenya mme a tllhagisa ba ba dirang jalo gore ke molato go tlhakanela dikobo le ngwana yo o dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi.

A re motse fa dipula di nele ga o tsamaege mo le bana ba sa yeng sekoleng.

Kgosi Phetsogang o ledile ka tiego ya peo-ditsha, a tlhalosa fa tiego e dira gore batho ba felele ba ipaya fela.

Modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Balefi Gobuamang a re ba kopile lefelo le go tlhatswediwang metsi teng katoloso ya mafaratlhatlha a metsi, ntlo ya pelegi e e feletseng, le go baakanngwa ga tsela ya Makgadikgadi.

Rre Gobuamang o supile gape fa ba tlhaelelwa ke diterekere go lema e bile gape ba tlhoka sefetlha motlakase kwa kokelong ka gore motlakase o tshabelelwa ke go kgaoga.

Rre Lelatisitswe yo gape e leng mothusa tona wa botsogo le boitekanelo o ba akgoletse maduo a a botoka a re ke sesupo sa gore batsadi ba tsentse letsogo mo thutong ya bana.

Rre Lelatisitswe a re o tshwenngwa ke go bona kgang ya go tlhakanela dikobo le bana ba dingwaga tse di kwa tlase e santse e tshela mme a ne a ba tsibosa ka molato wa go dira jalo.

Rre Lelatisitswe o tlhalositse fa phatlalatso ya metsi e le mo lenaneong mme e diilwe ke ditsamaiso tsa molao tse di tlhokang go salwa morago. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : MMATSHUMO

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 16 Jan 2020