Breaking News

Ba SefhareRamokgonami ba beile tema

14 Jan 2020

Phetogo nngwe le nngwe e e tlang e na le go etsaetsisa batho mme seo se dire gore go nne boketenyana gore ba e amogele ka ba a bo ba tlwaetse ka fa dilo di ntseng di dirwa ka teng.

Selo se, se ne sa itshupa ka thulaganyo ya go lema ka ditselana e e neng ya re e simolodisiwa, bontsi jwa balemi ba rata go nna maoto a tshupa go ka ikamanya le yone.

Ka thulaganyo e, e e ka fa tlase ga lenaneo la ISPAAD, maikaelelo a puso ke go godisa temo, le go thusa go tokafatsa bokete le boleng jwa thobo.

E ne yare fa puso e sena go rotloetsa temo ya ditselana, balemi ba simolola go goga maoto go fetola ka fa ba ntseng ba lema ka teng mme pheletsong bontsi jwa felela bo tlwaela mohuta o wa go lema.

Go ya ka molemisi wa Sefhare/Ramokgonami, ditema tsotlhe tsa kgaolo eo, di 27 000.

Balemi ba Sefhare/Ramokgonami kwa kgaolong ya Tswapong Borwa ke bangwe ba ba neng ba nyafala go amogela thulaganyo ya go lema ka ditselana.

Mo go bone, dikgoreletsi di ne di bonala di le dintsi go gaisa tse di molemo tse lenaneo la ISPAAD le ka di ba ungwela.

Letlhoko la digogi jaaka diterekere, dipolantere, le tse dingwe tse di tlhokwang mo temong ya ditselana di ne di ba kgoba marapo, e bile di ba tsenya dipelaelo tsa gore thulaganyo eo, e tlaa phutlhamisa temo.

Le fa go ntse jalo, balemisi ba ne ba dira ka natla go pepetletsa balemi, le go ba sokolola gore ba lemoge fa lenaneo leo le ka nowa moro.

Mo potsolotsong, Mme Bagwasi o supile fa temo e tsweletse sentle mo kgaolong eo e bile balemi ba setse jaanong ba amogetse mokgwa wa go lema ka ditselana.

Sebe sa phiri, o kaile fa e le dipula tse di boutsana ka go tlhatlologana ga dingwaga.

A re fa e ne e se go ikaega ka temo ya komelelo, lefatshe leno le ne le tlaa roba maduo a mantle mo temong ya ditselana.

Tebang le seemo sa temo mo pakeng eno, Mme Bagwasi o na le tsholofelo ya gore balemi ba kgaolo ba tlaa lema palo e e nametsang ya ditema ka jaana dipula di etla di kgabola.

Mme Bagwasi a re ka balemi ba kgaolo ba na le lerato mo temong, o na le tsholofelo gore monongwaga, molelo wa mariga ba tlaa dika ba o orile.

Mo dipalong tsa balemi go ya ka bong, o boletse fa bomme ba phala borre ka dipalo.

O supile fa banana le bone ba simolotse go ititaya ka thupana ka dipalo tsa ba ba ikamanyang le temo di tsweletse ka go tlhatloga.

Se, a re se tsisa tsholofelo ya gore balemi ba kgaolo e ba tlaa atamela go ka fitlha kwa ditemeng tse 27 000 tse di fitlhelwang mo kgaolwaneng ya selemisi ya Sefhare/Ramokgonami.

Mme Bagwasi a re balemi bangwe ba kgaolo ba ikaegile ka go lema ka ditonki go itsa go siiwa ke bokgola.

A re go nna le didirisiwa tse e leng tsa bone le gone go ka ba thusa go itirela madi ka ISPAAD, mme seo le sone se ba thuse go tokafatsa seemo sa itsholelo ya malwapa a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : MACHANENG

Event : Puisanyo

Date : 14 Jan 2020