Bomme ba itshetletse mo go logeng ditlatlana
14 Jan 2020
Lorato le Mme Selina Mafela le Mme Kerileng Keletso ba nang nalo mo tirong ya bone ya diatla, lo feta dikgwetlho tse ba di ralalang.
Bobedi jo, go tswa kwa Mathathane, bo ikaegile ka go loga ditlatlana, selo se ba sa leng ba se thaile go tswa bonyaneng.
Mme Mafela, 77 le Mme Keletso, 62 ba santse ba tshwere ka natla le gompieno mme ba dirisa setlhare sa mokolwane go loga ditlatlana, mekgabisa, mebanki e e tsenyang diaparo, manyena le sepe fela se moreki a ka eletsang go se logelwa.
Bothakga jwa bone ke jo bo kgatlhisang, e bile ba ikaelela go kgaogana nayo fela motsing ba hularang.
Bobedi jo bo tlhalosa fa go loga go le mo mading mo e a reng le fa ba itapolositse ba bo ba ntse ba tshweretshwere sengwe ba loga.
Boitseanape jo, ba supile fa ba bo amule mo batsading.
Morago ga go logela mo malwapeng ka lobaka, ba supile fa ba ne ba kopana le ba lephata la thuto ga e golelwe ba ba neng ba ba thusa go aga setlhopha sa bomme ba ba logang ditlatlana se se bidiwang, O Tlaa Robala o Tlaa Ja Eng, se mo nakong eno se sa direng sentle.
Mme Mafela yo e leng modulasetilo wa setlhopha se a re se simologile mo dingwageng tse some tse di fetileng mme ka nako eo, se ne se na le bomme ba le masome a mararo mme bangwe ba ikgogela morago.
A re maikaelelo a setlhopha e ne e le go kopanya bomme ba ba logang ditlatlana kwa Mathathane gore ba kgone go rekisa tse ba di logileng ba ikopantse mme ka go bona bareki ba le boutsana, bangwe basomola ka tlhogo.
A re go reketla ga setlhopha, ga go a ka ga ba kgoba marapo, a supa fa bontsi jwa bareki e le batho basweu.
Fa a tlhalosa ka tiro ya bone, Mme Mafela a re ba dirisa pelo ya setlhare sa mokolwane mme sone se nna mmala o o mosetlha.
A re fa ba batla go tsenya mmala ba dirisa setlhare sa motsentsela se se fetolang mmala gore o nne morokwa.
Mme Mafela a re go loga tlatlana go tlhokana le motho yo o nang le lerato la go loga mme a dira jalo ka kelotlhoko.
A re fa motho a se kelotlhoko, o ka re ba loga mologo o o tshwanang mme fa o tsenya leitlho thata, o lemoge fa melogo e farologana ka go na le gore motho o ka logela mo teng kana a logela kwa ntle mme mologo o le mongwe o tshwanetse o tshwane mo go se motho a se logang.
A re mologo o tshwanetse go lekalekana gore selwana se lebege, se seka sa nna melogo e e farologaneng.
Mme Keletso yo e leng leloko la setlhopha a re le fa ba loga ditlatlana, ba na le kgwetlho ya go bapala mokolwane kwa se bonwang teng ka ba kgorelediwa ke ditlou.
A re mo nakong e e fetileng, ba ne ba kgona go bapala mokolwane ntle le dikgoreletsi dipe ka go ne go sena ditlou tse dintsi mme tshologelo ya tsone e a ba boifisa ebile e busetsa tiro ya bone kwa morago.
Mme Keletso o supile fa balogi ba Mathathane ba tlhokana le lefelo le ba rekisetsang kwa go lone ka go tlhoka lefelo go ba kgoba marapo.
A re o eletsa fa ba ka e amogana kitso e ba nang nayo le banana mme go a tshwenya gore banana ba bo ba sena kgatlhego ya go ithuta go loga, a bolela fa go loga ditlatlana go tlaa felela go nyeletse.
O supile fa bone ba ne ba nna le kgatlhego ba ithuta mo batsading ba bone mme fa ba re ba ruta banana, ga ba dumele ka ba tsaya gore go loga ditlatlana ke ga bagolo.
Mme Keletso o supile fa ba eletsa fa puso e ka ba thusa go ba agela lefelo le ba ka direlang mo go lone a bolela fa seo se ka felela se rotloetsa bomme ba ba ikgogetseng kwa morago mo setlhopheng sa bone go boela mo go sone.
A re ba na le lefelo le ba le filweng ke ba kabo ditsha mme ga ba ise ba kgone go aga ka ba sena madi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : MATHATHANE
Event : Puisanyo
Date : 14 Jan 2020




