Breaking News

Kgaolwana e lebagwanwe ke kgwetlho ya go baakanya dikole

14 Jan 2020

Khansele potlana ya Palapye, e abetswe P12 million go baakanya dikole tse dipotlana.

Mokwaledi wa khansele eo Rre Lucky Maoto o tlhaloseditse banni ba metse ya Majwaneng le Lerala gore metse ya kgaolowana eo e 27, e na le dikole tse dipotlana di le 37 tse di abetsweng P12 million go di baakanya.

O buile jaana mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente yo gape e leng mothusa tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Setlhabelo Modukanele.

Rre Maoto a re madi ao a mannye go ka dira tsotlhe tse dikole di di tlhokang.

A re ba ne ba tsaya tshwetso ya gore ba itebaganye le paakanyo ya matlwana a boithomelo.

O ne a tlhalosa fa ba tlhaloganya seemo sa dikole se se sa itumediseng, mme ba palediswa ke yone tlhaelo ya madi, a re fa ba boneng sengwe teng ba leka go se dirisa sentle go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go tla ka tharabololo.

Ka kgang ya go atumetsa ditirelo kwa bathong, jaaka go dirwa ga boremelelo jwa ditirelo le kgaolwana, o ne a supa fa mathata e le tlhaelo ya ditsompelo, a supa fa bodiredi jone bo le teng mo makalaneng mangwe, jo bo neng bo ka romelwa kwa kgaolong ya Lerala.

A re ba ne ba kopanela kgang eo le ba lephata la dikitsiso go kopa diofisi tsa bone go di dirisa mme kgang ya seka ya tswa tema.

Mo go tse dingwe dikgang, banni ba Manaledi, Ratholo, Majwaneng le Lerala ba ne ba supa fa ba na le matshwenyego a taolo metsi, ba tlhoka kokelo le lebala la metshameko go itsa bana go tlalatlala le mekgwatha.

Bangwe ba re sekole se segolwane sa Mmachibaba se agelwe maroko a bana, go ba fokoletsa mosepele o moleele o ba o tsamayang letsatsi le letsatsi, gape ba lebanwe ke bodiphatsa jwa go ka dirisiwa botlhaswa, segolo jang ba basetsana.

Banni ba metse eo ba ne ba lebogela ditlhabololo tse ba di kgonneng ka madi a dikgaolo, ba re a ba thusa go tlhabolola metse.

Banni ba ne gape ba re makalana a a ikemetseng jaaka ba motlakase le metsi, ba tshwaraganele le ba kabo ditsha go itsa dikgang tsa gore e re morago ga peo tsa ditsha ba metsi le motlakase ba bo ba re ba kwa ntle ga melelwane.

Kgosi wa Majwaneng mo mafokong a gagwe a kamogelo o ne a kopa gore dikgosana di akanyediwe ka lemmenyana go ba tiisa moko mo tirong ya bone, ka ba dira tiro e bokete ya go di reba bogale pele di fetela kwa dikgotleng tse ditona fa di padile.

O ne gape a bua ka tsela e e ba tshwaraganyang le Lerala, kwa bontsi jwa ditlamelo di tshwana le tsa botsogo di leng teng, a re a e potlakelwe go dirwa.

Fa a leboga, Mokhanselera Gabogopolwe Sebele wa Lerala Botlhaba o ne a a kopa banana go emela metse ya bone ka dinao mo ditlhabololong go thusana le boeteledipele gore metse e gole. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : MANALEDI/LERALA

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 14 Jan 2020