Banni ba lela ka tsa botsogo
13 Jan 2020
Banni ba Goo-Sekgweng ba re ba tshwenyegile ka letlhoko la ngaka, koloi le dipilisi kwa kokelwaneng ya bone.
Kgosi Ontibile Ramatakana a re banni ba motse wa gagwe ba bona dithuso tsa botsogo kwa Goo-Tau, mo go tlhokang madi a sepalamo.
Kgosi a re go tlhoka koloi go ba beile ka fa mosing ka baoki le balwetse ba sa bone thuso e ba e tlhokang ka potlako.
A re banni ba Goo-Sekgweng ba ne ba ngongorega ka letlhoko la dipilisi mo kokelong ya bone segolo jang balwetsi ba madi a matona le sukiri.
Balwetse ba, ba patelesega go nna ba ya kwa motseng o o mabapi go ya go tsaya dipilisi, mme fa di seyo ba patelesega go di latela kwa Palapye.
Kgosi Ramatakana o ne a kopa Mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala, Rre Setlhabelo Modukanele go ba thusa go rarabolola mathata ao.
Fa a tswa la gagwe, mopalamente o ne a solofetsa go tsaya matshwenyego otlhe a bone mofago go a isa kwa go ba ba lebaneng.
A re Batswana ba tshwanetse go latelwa ke ditlamelo, e seng bone ba di latela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Amantle Onneng
Location : GOO-SEKGWENG
Event : Phuthego
Date : 13 Jan 2020




