Ba Serorome ba opela bogogi legofi
13 Jan 2020
Banni ba kgotla ya Serorome kwa Palapye ba iteetse mopalamente wa kgaolo ya bone, Rre Onneetse Ramogapi le makhanselara legofi go bo ba bone go tshwanela go buisa diphuthego mo dikgotleng le dikgotlana, ba re se, se ba fa sebaka sa go ba itekodisa.
Kgosi Samuel Maforaga o tshitse matshwenyego ka tshireletsego ya banni le badiri ba kgotla ya gagwe.
Kgosi gape a re go botlhokwa gore kokelwana ya Kediretswe e nne le badisa dikago ba ba e tlhokomelang go tswa mo mosong go fitllha mo maitseboeng, go seriletsa balwetse le baoki ba ba tshwenngwang thata ke banwi ba bojalwa mo marekisetsong a nnotagi a a bapileng le kokelwana eo.
A re kgotla ya Serorome e aparetswe ke borukutlhi jo bo apesitseng banni kobo ka letshoba, segolo bogolo ka mafelo a beke. Kgosi Maforaga o ikuetse mo go mopalamente go kopa gore mapodisi a lale a tsamaya mo mebileng mo dikgotleng go hema le go lwantsha borukutlhi.
Banni ba ngongoregile ka seemo se se maswe sa ditsela tsa Serorome, bogolo jang ka nako eno ya dipula, le gore metsi a tsena mo malwapeng a bone a dire merwalela, mme ba palelelwe ke go dira ditiro tsa bone tsa tlwaelo.
Ba ledile gape ka khamphani ya Makoro Bricks, e ba tlhalositseng fa e sa siamela botsogo jwa badiri ba yone, ntateng ya lerole le lentsi.
Ba kopile gore mopalamente le makhanselara ba etele khamphani eo go sekaseka gore a e sala morago ditsetlana tsa tshireletsego ya botsogo jwa babereki, ka ba amana thata le lerole.
Mongwe wa banana ba Serorome yo o tshelang ka bogole, Rre Tshiamo Kgamanyane o tlhalositse ka fa banana ba Palapye ba sa tseweng tsia ka teng mo go tsa mebereko, segolo jang ba-na-le bogole.
Rre Kgamanyane a re marekisetso a matona a a bulwa ka go farologana kwa Palapye, mme bontsi jwa ba ba hirilweng ke ba ba tswang kwa ntle ga Palapye, a re seo se kgoba banana marapo, e bile se a ba nyenyafatsa.
Rre Kgamanyane o tlhalositse fa ene e le mo-na-le bogole yoo nang le bokgoni, yoo ka berekang mo mabekeleng a magolwane, kana mo dikhamphaning tse di phepafatsang madirelo kgotsa dikago.
Fa a garela matshwenyego, Kgosi Maforaga o ne a bua a sa kgale mathe ka terata ya Mmalenakana e e kgaotsweng, a re seo se diphatsa mo matshelong a batho ka go latlhelwa dijo tse di senyegileng teng.
Kgosi a re seo se baya matshelo a batho mo diphatseng, ka jalo a kopa mopalamente le makhanselara go tsibogela go baakanya terata eo.
Fa a ntsha malebo, Mokhanselara wa Serorome, Rre Thabo Seomile o ne a lebogela mopalamente go bo a tsere matsapa go etela dikgotlana tsotlhe tsa kgaolo ya gagwe, a re seo ke go supa tshwaragano le maikaelelo a magolo mo go tsiseng diphetogo mo kgaolong.
O kopile makhanselara go tshwaragana le go gakololana, a re seo se ka tsisa kagiso le thokgamo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Mososo
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 13 Jan 2020