Breaking News

Puso e epa didiba go nosa diphologolo

13 Jan 2020

Mogolwane mo lephateng la diphologo kwa Tutume, Mme Ketimeletswe Mondiya a re puso e epile didiba kwa Ngwasha go nosa diphologolo tsa naga.

Mme Mondiya o boletse jaana kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Nkange, Rre Never Tshabang kwa Goshwe le Magapatona kwa Tutume bosheng. 

A re seo ke mangwe a maiteko a go laola metsamao ya diphologolo gore di tswe fa gare ga batho.

O boletse fa gape go rekilwe dikoloi tsa metsi di le pedi tse le tsone di tlaa thusang go nosa diphologolo tseo.

A re puso e buletse letsomo, ka jalo go na le kgonagalo ya gore diphologolo di tshabele kwa mafelong a tsone a gale.

Mme Mondiya a re gape mo maitekong a puso go araba selelo sa batho ba kgaolo eo, go ne ga tlhongwa kampa kwa Nkange ya badiri ba lephata la diphologolo ba le lesome le bone.

Kwa Goshwe banni ba ne ba ngongorega ka tiego ya tsela, ba bolela fa ba sale ba tshepisitswe go dirwa ga tsela e e tlaa agwang ka ditena mme nako kgolo ke eno.

Kgosi yo o tlogetseng tiro ka bogodi wa Goshwe, Kgosi Buyendasi Mbenga o ne a  kopa banni ba motse oo go leta ka tsholofelo ka tsela eo e mo thulaganyong ya go dirwa.

Kgosi Mbenga a re bakanoki ba tsela eo ba puso ba boletse pele gore tsela eo e feta fa gare ga masimo, ka jalo go e tshela sekontere go ka tsaya nako ka go tlaa batla dipuisanyo le ba ba amegang le go ba phimola keledi, ka jalo go e phaphatha ka ditena go motlhofo e bile go tlaa tsaya nako e khutshwane.

Kwa Magapatona banni ba ne ba lela ka metsi a a letswai a ba a anwang, ba re gape motse o fetogile makadiba ka diphaephe tse di dutlang gongwe le gongwe.

Mongwe wa banni, Rre Nduo Tshwenyego a re ba sale ba ikuela ka ditlou tse di ba senyetsang kwa didibeng tse ba nosang kwa go tsone mme a re ga go na thuso epe e ba e bonang e bile ditlou tseo di setse di tsetse jaanong ke moraka fela.

Rre Tshwenyego o ne a bolela fa metsi a le letswai le le setseng le ba senyeditse didirisiwa gape metsi a teng a nna ka go tlhaela.

Fa a tsibogela kgang ya metsi, mogolwane kwa lephateng la metsi kwa Tutume, Rre Batshepi Dilo o boletse fa diphaephe di setse di onetse, ka jalo ba le mo thulaganyong ya go tsenya tse di sha.

Rre Dilo o ne a ikuela mo bathong go tlogela mokgwa wa go senya diphaephe ba nosa leruo, a re seo se paledisa maiteko a bone a go siela batho metsi.

O boletse fa nako dingwe letswai le thiba metsi go ka phatlalala le motse, bogolo jang mo kgotleng ya Magapatona.

Mopalamente Rre Tshabang o boleletse phuthego fa maikaelelo a diphuthego tsa gagwe e le go lekola kgaolo le go itsanye ka e le lantlha gape a le mosha mo kgaolong le go tsaya dikopo mo go bone go di isa kwa palamenteng e e tlang.

A re mangwe a matshwenyego ba tlaa nna ba a tshwaraganela le banni, badirelapuso le bogogi jwa motse ka wa o esi  ga o ele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 13 Jan 2020