Kwelo tlase ya madua e a tshwenya
13 Jan 2020
Tona wa Botsogo le Boitekanelo Dr Lemogang Kwape a re kwelo tlase ya maduo a baithuti ba sekole se sebotlana sa Selokolela a a tshwenya e bile a tlhoka go emelwa ka dinao.
O buile jaana fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Selokolela bosheng.
Ka jalo Mopalamente wa Kanye Borwa o kgothaditse batsadi go tsaya karolo e tona mo thutong ya bana, a supa fa e le bone bathusi ba bone ba kamoso, e bile e le bone ba ba ka tlhabololang Selokolela isago.
‘Re le batsadi re tshwanetse ra lemotsha bana ba rona botlhokwa jwa thuto, ka e le bone ba re beileng mo go bone, ka jalo go botlhokwa go bona gore tota matsapa di a tsaya kae’’.
Tona o ne a supa gape fa a tshwenngwa ke boitseme jwa banana, a ba gakolola go dirisa mananeo a puso go tlhabolola matshelo a bone, go na le go ikanya Ipelegeng.
“Go botlhokwa go simolola dikgwebo tse dipotlana go itshetsa e seng go ikaega mo mananeong a puso a tshwana le Ipelegeng, a a thusang fa motho a santse a batla tiro e e botoka,” a supa.
Fa a bua ka tsa botsogo, Dr Kwape o ne a gakolola morafe gore ke tshwanelo ya bone go bona thuso e e siameng kwa dikokelong.
“Kalafi e simolola pele ka fa o tsewang ka teng pele ga o ka bona thuso mo kokelong.
Mme e bile ga se boikarabelo jwa molwetse go latela melemo kgakala le kgaolo ya itekodiso, ka jalo badiredi ba tshwanetse go tlhomamisa pele ga ba romela molwetse kwa kokelong e nngwe.’’
O buile fa dikolotsana tsa ba-na-le bogole di le teng kwa lephateng la gagwe mme jalo ba seka ba bewa fela mo lapeng ba sa bone dithuso tse ba di tlhokang.
O ne a lebisa morafe wa Selokolela botlhokwa jwa go dirisana mmogo le go bereka ba le seopo sengwe, bogolo jang tse di amang ditlhabololo tsa motse wa bone.
“Re batla dilo tse e leng gore fa di tseelwa ditshwetso ke puso e bo e le tse morafe o di batlang,” a tlhalosa. A re ka jalo go tshwanetse gore go nne le therisanyo le neelano ya dikakanyo, a supa fa go sa tshwanela gore banni ba tseelwe ditshwetso ka ditlhabololo tsa motse wa bone.
Mokwaledi wa VDC Mme Matshidiso Pilane o nankotse matshwenyego a le mmalwa a a ba lebanyeng a akaretsa go tlhoka kokelwana ka ba oketsegile ka dipalo mo kgaolong ya bone.
O ne a supa fa go na le tlhaelo ya melemo. O tlhalositse fa ba latela dithuso kwa sepateleng sa Sabata kwa Kanye mme moo go ba imela, a supa fa bangwe ba felela ba tlogela go tsaya melemo e le ka ntata ya bokgakala.
O buile fa ba lebagane le letlhoko la sekole se sebotlana sa bana mo kgaolong ya bone le matlo a boroko a VDC, a bo a kopa katoloso ya lebota la kgotla.
Rre Gaamangwe Letlole, monni wa Selokolela o kopile gore go sekasekwe gore go thaiwe komiti ya tshomarelo di-tsa tlholego e ba ka itshetsang ka yone le go fokotsa tshenyo ya di-tsa tlholego.
A re ba-na-le bogole ba sale ba ikopetse go thusiwa ka 2012 mme go ise go nne le nko e e tswang lemina.
Modulasetilo wa Kanye Administration Authority, Mme Thupayamodimo Okaile o supile fa banni ba Selokolela ba setse ba ntshitse megopolo ya bone ya ditlhabololo e e tlaa dirwang mo dingwageng tse tharo.
O nankotse fa ngwaga wa 2021 go ne go beilwe seelo sa go fetsa go aga Ntlo lehalahala, go atolosa kokelwana, le go aga sekole se sebotlana sa bana, a supa fa madi a ditiro tse a le teng le ntswa ba ise ba simolole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lona Mokopakgosi
Location : SELOKOLELA
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 13 Jan 2020