Breaking News

Mopalamente o kopa banni go aga dikomiti tsa motse

13 Jan 2020

Mopalamente wa Goodhope-Mabule Rre Eric Molale o kopile banni ba kgaolo eo go tlotla le go aga dikomiti tsotlhe tsa motse kwa kgotleng.

 E rile a buisa phuthego ya kgotla bosheng kwa Pitsane, a tlhalosa fa ditlhabololo di sa tsamae sentle mo kgaolong ka go sa salwe tsamaiso morago.

O tlhalositse fa go tloga bogologolo dikomiti tsotlhe tsa motse di ne di tlhophelwa kwa kgotleng.

Rre Molale  o kaile fa dikomiti di tshwana le ya ditlhabololo tsa motse, komiti ya botsogo, ya thuto, e e gokaganyang ditirelo mo motseng, le ya temo-thuo e le tsone tse di gogang motse. 

O tlhalositse fa go tlhophela dikomiti tse kwa ntle ga lekgotla go sa siama ka le ba bogosi fa gongwe ba sa rerisiwa.

Rre Molale o supile fa puso ya Botswana e dumela mo morerong, mme a kopa banni go simolola go dira sengwe le sengwe sentle ka go tlhophela tsotlhe mo kgotleng mongwe le mongwe a le teng a bona gore go diragala eng.

 O tlhalositse fa a ikaeletse go bereka le morafe wa Barolong sentle mme a kopa gore ba bereke ka manontlhotlho le ene. 

Rre Molale o file sekai gore go bo go na le dingongora tse dintsi ke gone go tlhoka gore dikomiti di bo di bereka mmogo. 

O kaile gore fa dikomiti di ka bereka mmogo le bodirelapuso, se se ka fefosa ditlhabololo le gone go isa kgaolo kwa pele. 

O kopile gore ba itsese kgosi ka ditirelo le dikomiti tsotlhe tsa kgaolo.

Kgosi Tiego Leshomo wa Pitsane o supile fa letlhoko la metsi e le kgwetlho e tona, mme a kaya fa a solofela fa mopalamente a tlaa ba thusa ka dikakanyo le gone go bona gore bothata jo bo fedisiwa jang. 

O akgotse mopalamente go ba tlhola fela ngwaga o simolola, a tlhalosa fa se se ba fa tsholofelo ya gore kgaolo e tlaa tlhabologa.   BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : PITSANE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 13 Jan 2020