Breaking News

Mopalamente Lelatisitswe o lekola banni ba Mmeya

13 Jan 2020

Mopalamente wa Boteti Botlhaba, e bile e le mothusa tona wa tsa botsogo le boitekanelo, Rre Sethomo Lelatisitswe o rotloeditse banni ba Mmeya go ya go lema ka go lebega go tlaa nna le dipula tse di namagadi mo pakeng eno ya temo.

Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng, Rre Lelatisitswe o ne a kopa banni go tsaya temo ka tlhoafalo, ka e ka ba thusa go itshetsa.

Mopalamente o ne gape a solofetsa banni fa a tlaa dira ka natla go bona gore ditlhabololo di nna teng mo motseng wa bone, a re le matshwenyego a bone o tlaa tlhomamisa gore puso e a tsibogela ntle le tiego.

O ne a re o utlwile selelo sa bone sa letlhoko la motlakase, mme a supa fa seemo seo se setse se rarabololwa ka jaana dipale tsa motlakase di setse di tsenngwa mo motseng.

Kgosi Polson Keitlhaganetse o ne a alela Rre Lelatisitswe matshwenyego a motse, a a akaretsang letlhoko la metsi, a kaya fa go sa tsenngwa metsi mo matlong a boitiketso le mo dikagong dingwe tsa badirelapuso.

O ne a kopa gore kokelwana ya Mmeya e thusiwe ka mooki yo o belegisang ka go kgona go diragala gore mme yo itsholofetseng a belegele mo kokelwaneng eo.

Morafe le one o ne wa ntsha dingongorego tsa one ka Rre Keaithoma Moitlhobogi yo o neng a supa fa ba tshwenngwa ke go utswiwa ga leruo, segolo jang dikgomo, fa Mme Shalamme Ketlaaromamang a ne a lela ka go tlhorontshiwa ke ditlou kwa masimo. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Tefo Kebareng

Location : MMEYA

Event : phuthego ya kgotla

Date : 13 Jan 2020