Thuto boswa jo bo sa sekweng
13 Jan 2020
Mogolwane kwa lephateng la thuto go tswa kwa moding Mme Merium Gaobatwe kwa Serowe o kgothaditse batsadi ba Mabuo go rotloetsa bana go tlhoafalela thuto.
O ne a bua jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Serowe Borwa Rre Leepetswe Lesedi bosheng.
A re bontsi jwa batsadi kwa motseng oo, ga ba kgatlhegele thuto ya bana mme seo se digile maduo a sekole.
Mme Gaobatwe a re bangwe ba baithuti ba Mabuo ba kgona go tlogela sekole ba ya kwa dipolaseng mme barutabana ba iphe nako go ba latela kwa ba leng teng mme fa ba sena go boela sekoleng batsadi ga ba ba rotloetse go tsena sekole ba tlhoafetse.
A re bangwe ba boela sekole ba bo ba boa gape ba tswa mme seo se baya sekole sa Mabuo ka fa mosing mo maduong ka e rile ka 2019 maduo a wela kwa tlase thata.
A re maduo a ngwaga o o fetileng a lekwalo la bosupa e ne e le 35 per cent go tswa kwa go 52 per cent ka 2018 mme se se supa fa go tlhokafala gore botlhe barutabana le batsadi ba tlhoafalele go ntsha maduo.
Mme Gaobatwe a re sekole seo se ne sa tsaya maemo a bo masome a mabedi le borobabongwe mo dikoleng di le masome a mararo tsa kgaolo-potlana ya Serowe, ka jalo o ne a supa matshwenyego ka maduo ao.
A re mo maitekong a go tokafatsa maduo a dikole, go na le lenaneo le le bidiwang home remedial le ka lone moithuti a fiwang tiro ya sekole mme batsadi ba mo thuse kwa lwapeng, a supa fa le sa dire sentle kwa motseng oo ka batsadi bangwe ba sa dumalane le go thusa bana, ba bolela fa tiro ya sekole e le ya barutabana.
O ne a rotloetsa batsadi go fetola ka fa ba dirang ka teng, a bolela fa a na le tshepo ya gore fa batsadi ba ka kopanela thuto le barutabana sekole seo se ka tokafatsa maduo.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo tsa motse wa Mabuo Rre Joshua Orakanye o ne a supa matshwenyego ka ditlhabololo tsa motse oo, tse a bolelang fa di le bonya e bile di le boutsana, ka jalo a kopa mopalamente wa Serowe Borwa go isa dilelo tsa bone kwa di tshwanetseng teng.
O ne a supa fa ba ne ba kopa kago ya ntlo ya LA2 mme mo nakong eno e ise e fele.
A re ba ne ba solofediwa lenaneo la ESP kwa sekoleng mme nako kgolo ke eno.
Modulasetilo o ne gape a supa fa go na le letlhoko le lentsi la boroko jwa badiri ba puso kwa motseng oo.
Rre Orakanye o ne a supa fa banni ba motse oo ba na le letlhoko la ditsha, ka jalo o ne a kopa ba lephata la kabo ditsha go baya ditsha mo motseng wa bone.
Rre Lesedi o ne a itsese banni fa maikaelelo a phuthego eo e ne e le go lekola banni ba kgaolo ya gagwe.
O ne a leboga banni go bo ba ne ba nna le tshepo ya gore e ka nna ene a ka etelelang kgaolo ya Serowe Borwa mo ditlhophong tse di fetileng.
Rre Lesedi o ne a kopa banni go nna seopo sengwe mme ba itebaganye le dikgang tsa ditlhabololo.
O ne a solofetsa banni fa a tlaa dirisanya le bone sentle le makhanselara a kgaolo ya gagwe go tsisa ditlhabololo tse banni ba di lopang.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : MABUO
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 13 Jan 2020