Breaking News

Therisanyo lorato tshwaragano di ya thoteng

12 Jan 2020

Batswana ba rotloeditswe go eteletsa pele therisanyo, lorato le tshwaragano ka jaana e le tsone di thaileng lefatshe leno. 

Thotloetso e e dule ka mopalamete wa Tati Bophirima, Rre Simon Moabi yo o rileng fa kgosi, mokhanselara, dikomiti tsa ditlhabololo le morafe ba ka ikaega ka dilo tse tharo tseo, go ka isa metse le lefatshe leno golo gongwe.

O ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng ya Makaleng le Matenge bosheng.

E rile a tshwaela mo ngongoregong ya modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Makaleng, Rre Ndawa Nkoshwane ka go sa lomagana le go tlhoka tirisanyo mmogo magareng ga boeteledipele jwa motse, VDC le morafe wa Makaleng, mopalamente Moabi o ne a supa fa seemo seo se thobaetsa.

Rre Nkoshwane o ne a supa fa seemo seo se kgoreletsa ditlhabololo.

Rre Moabi o ne a rotloetsa gore dipharologanyo di beelwe fa thoko, go itsewe motlhala le go ithulaganya gore go inaakangwe le dilo tse di ka thusang motse go gatela pele mo ditlhabololong.

E rile a akgela, mothusa modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, yo gape e leng mokhanselara wa Kalakamati, Rre Zibani Mbalambi o ne a gatelela gore banni ba Makaleng ba tlogele dikgogakgogano.

O tlhagisitse gore fa ba sa itharabologelwe ba tlaa thanya lo le tsebeng motse wa bone o gaisiwa ke e mengwe ka ditlhabololo. Mokhanselara Mbalambi o ne a ba bolelela fa bone e le makhanselara a Bokone Botlhaba ba dumalanye go beela tlhoko dipharologanyo tsa bone tsa sepolotiki gore ba itebaganye le ditlhabololo tsa kgaolo. 

Go sale foo, Rre Moabi o ne a leboga banni ba metse eo go bo ba mo tlhophile, jalo a kopa tirisanyo mmogo gore tiro ya gagwe ya go isa dikeletso tsa bone kwa palamenteng e nne motlhofo.

O ne a ba tshephisa fa a ka seke a ba tlhabise ditlhong ka gope e bile a netefatsa go tswelela a ba rerisa jaaka a ne a solofetsa ka nako ya fa a kopa tlhopho.

Rre Moabi o ne a supa botlhokwa jwa gore maphata jaaka la ga molaodi le khansele a nne a etela metse go utlwa ka matshwenyego a banni go na le emela diphuthego tsa mopalamente kgotsa matona.

Banni ba ne ba gakolola mopalamente go supa boineelo mo boikarabelong jo a bo filweng, ba solofetsa go goga le ene le go mo ema nokeng nako tsotlhe.

Le fa gontse jalo, banni ba ne ba itela mo mopalamenteng ka dingwe di akaretsa tlhaelo ya metsi, seemo se se sa itumediseng sa ditsela le kanamiso e e bokoa ya motlakase.

Ba boletse fa dingwe tsa dilelo tsa bone di tswa kgakala mme go se nko e e tswang lemina.

Monni wa Matenge, Mme Elizabeth Lengwanapele, o kopile puso go sekaseka go oketsa madi a bagodi.

Banni ba kopile gore ba nne ba lekodisiwa ka tse ba di kopileng go itsa gore ba nne ba ipoeletsa go di kopa gangwe le gape. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MAKALENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 Jan 2020