Breaking News

Go thubega ga mafaratlhatlha a metsi go amile tikologo

12 Jan 2020

Banni ba Mandunyane ba supile fa go thubega ga mafaratlhatla a metsi go sa siamela tikologo ka go felela go dira gore diphologolo di tlale mo gare ga motse di okiwa ke metsi ao.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Godfrey Maseko o supile fa metsi a a tletseng mo motseng a felela a senya ditsela.

O ne a bua kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Rre Pono Moatlhodi.

O supile fa lephata le le maleba le tsaya lebaka go rarabolola seemo se, mme a kopa gore go tsibogelwe kgang e ka gonne e ka felela e dirile gore maatla a go goga metsi ka boranyane mo motseng a fokotsege.

Mo go tse dingwe Rre Maseko o supile fa tsela le yone e le mo seemong se se sa siamang ka gonne e tletse mahuti mo a felelang a baka dikotsi.

O kopile gore ba tlhalosediwe gore lenaneo la go aga sekole se segolwane le tsamaya kae le gore lenaneo la go dira Bojanala ka kwa letamong la Shashe le eme fa kae ka go nne le ne le ka tsisa diphetogo tse dintsi mo motseng.

Rre Ronald Segolame o ne a kopa tlhaloso gore go tla jang gore gotwe dimmithara ga di kgone go bala mo ba felelang ba kgaoletswe metsi.

O kopile gape gore ba agelwe dikholobete go itsa tshenyego ya ditsela ka gonne fa pula e nele ditsela di tlala metsi mme batho ba palelwe ke go feta le gone di a epega.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Joshua Joel o kopile tlhalosa ka tswelelopele ya kago ya tsela.

O supile fa batho ba tlhoka fa ba nnang teng tateng ya go thoka ditsha.

O ne a tlhalosa fa bangwe ba ikemiseditse go abela puso masimo gore a tle a dirisiwe e le bonno, a bo a kopa gore motse o golele ka kwa bophirima ka e le gone kwa go nang le diphatlha teng.

Kgosi Joel o tlhalositse fa tshingwana ya mo motseng e ise e nne mo tirisong mabapi le gore sediba ga se ise se simolole go baakanngwa mme a kopa ba ba maleba gore ba tsibogele seo ka gore tshingwana e e ne e ka fokotsa letlhoko la ditiro le go tsenya madi mo metseng.

Fa a buisa phuthego, Rre Moatlhodi o tlhalositse fa lekalana la kabo ditsha la Tonota le ya go kopa madi kwa Lephateng la Ditsha, Metsi le Kgopo ya Leswe go tla go reka masimo gore banni ba bone bonno.

O tlhalositse gape fa kgang ya tsela e le mo ditshekatshekong ka go setse go beilwe madi a kago ya tsela e ntsha.

O kopile maphata a a farologanyeng go dirisana le batho ba motse mo go tlhabololeng Mandunyane.

O rotloeditse batsadi go tsaya boikarabelo ka bana ba bone le go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Patience Molatlhegi

Location : MANDUNYANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 Jan 2020