Breaking News

Ikaegeng ka temo-thuo

12 Jan 2020

Tona wa Tlhabololo Temo-Thuo le Tlhomamiso Dijo Dr Edwin Dikoloti o kgothaditse banni ba Lorolwane go itshwarelela ka temo-thuo go itshetsa ka lefatshe leno le aperwe ke letlhoko la ditiro.

 Mopalamente wa Mmathethe/ Molapowabojang o buile jaana kwa phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa Lorolwane bosheng.  Tona a re keletso ya gagwe ke go bona kgaolo ya Mmathethe/ Molapowabojang e nna boremelelo jwa temo-thuo.

Dr Dikoloti a re fa ba ka tlhoafalela temo-thuo ba ka rekisetsa Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) le Botswana Meat Commission (BMC), tse di tsenyetsang Motswana madi mo kgetsing.

A re fa dikompone tseo di ka phutlhama di tlaa bo di phutlhamisitse botshelo jwa Motswana.

A re e le tona yo o lebaganeng le temo-thuo, o ikuela mo setshabeng gore ba mo thuse gore dikompone tseo di seka tsa phutlhama. 

A re puso e reka dijo boturu kwa ntle ga lefatshe leno, ka jalo o kopa setshaba go mo thusa go fedisa seemo seo.

Mo go tse dingwe Tona Dikoloti a re keletso ya gagwe ke go bona tsela ya Mmathethe /Bray e tshelwa sekonotere ka se ka goroga kwa Lorolwane, mme seo se tokafatse seemo sa temo-thuo ka jaana motse wa Bray le Lorolwane e le mengwe ya metse e e isang dikgomo kwa matlhabelong ka bontsinyana.

 Mopalamente a re keletso ya gagwe ke gore banni ba Mmathethe/Molapowabojang e nne bagwebi ba maungo.

A re ka jalo o tlaa rotloetsa kgaolwana nngwe le nngwe  ka ditlhare tsa maungo di le masome mabedi le botlhano.

A re Lorolwane ke lengwe la mafelo a a humileng di-tsa tlholego, ka jalo a rotloetsa banni go di dirisa.

Mabapi le thuto, tona o kopile batsadi go emela thuto ya bana ka dinao, a re ba ka dirisa bontlha bongwe jwa madi a kgaolo go rotloetsa thuto ka go thapa batho ba ba rutuntshang baithuti.

Fa a amogela baeng, kgosana wa tetlanyo kwa motsing oo, Rre Matlhoakgosi Matlho o ne a re ntswa motlakase o le teng mo motsing, ga o ise o gokelwe mo maphateng a puso. 

O ne a supa matshwenyego mabapi le maduo a a sa itumediseng a sekole se sebotlana sa motse oo, a tlhalosa fa a belaela gore seo se bakiwa ke tlhaelo ya ditlamelo. 

A ngongorega le ka seemo sa tsela ya Lorolwane/Gasita a re e mo seemong se se maswe ka jaana go le lebaka e sa gopiwe.

Fa a ntsha tekodiso, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Kaelo Paraffin o tlhalositse fa ditiro tse ba di dirang ka lenaneo la Ipelegeng di tsweletse sentle, sebe sa phiri e le gore ba filwe palo e potlana go thapa babereki mme a kopa gore e okediwe.

Rre Paraffin o ngongoregile ka ditsha tsa komiti ya ditlhabololo tsa motse a re ga di na di lease, ka jalo ga ba kgone go gokela matlo motlakase le go tsenya metsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : LOROLWANE

Event : phuthego ya kgotla

Date : 12 Jan 2020