Tirisanyo mmogo konokono
09 Jan 2020
Mopalamente wa Takatokwane, Rre Friction Leuwe, a re tirisanyo mmogo le popagano di ka thusa tswelelopele ya ditlhabololo kwa Salajwe.
E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo ka Labobedi, Rre Leuwe a kopa banni go tshwaraganela ditiro tsa motse le go netefatsa gore ba dira mmogo go fitlhelela mananeo a ditogamaano tsa ditlhabololo.
A re e re ka morafe o mo file tlotla ya go nna mopalamente wa bone, seo se raya gore ba tshwanetse go mo fa thotloetso gore ene le makhanselara ba kgone go dira tiro ka botlalo.
A re keletso ya gagwe ke gore badirelapuso ba tshwanetse go ikutlwa ba amogelesegile, mme e bile ba bereke ka kagiso le tshosologo.
Rre Leuwe a re morafe o tshwanetse wa itse fa modirelapuso e le motho wa nama le madi mme e bile a kgona go dira phoso mme ka jalo go botlhokwa gore fa mongwe a sa dire sentle, a gakololwe ka tsela e e siameng.
Mopalamente a re go le gantsi banni ba emela gore go nne le phuthego ya kgotla gore ba supe dingongorego ka bodiredi le ntswa go na le ditsela tsa go baakanya seemo seo go sa nyadiwe ope.
A re ka jalo tshwaragano gareng ga banni le bodiredi ke konokono no ditlhabololong.
Ka kgang ya tsela, mopalamente o ne a solofetsa banni fa a tlaa tswelela a e sala morago jaaka Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a ne a ba solofetsa gore mo kanokong ya tshekatsheko ya ditlhabololo ba tlaa e baya kwa setlhoeng gore e tle e dirwe.
Rre Leuwe a re mo palamenteng e e neng e feta o ne a gakolola ba ba maleba gore ba solofeditse banni ba Salajwe tsela mme ba seka ba diega go dira jalo.
Rre Leuwe o ne a supa makhanselara e bong mokhanselara wa Salajwe, Rre Lopang Sebutlenyane le makhanselara a a itlhophetsweng a le mabedi e leng Rre Moemedi Senkotle le Mme Neo Segaise.
O ne gape a supa mookamedi wa ofisi ya mopalamente Rre Titus Matthys.
Banni ba ne ba leboga mopalamente go bo a tsile go ba lekola le go ba leboga.
Rre Itebogeng Merafe o ne a leboga mafoko a mopalamente a go tshwaragana le go dira mmogo.
A re go botlhokwa gore banana ba motse oo ba tseye dikgang tseo ka tlhwaafalo ka di ka aga motse.
Rre Motlotlegi Mmoko o ne a supa fa motse wa bone o gola mme o tlhoka kanamiso ya metsi le motlakase gore ba kgone go tlhabolola ditsha.
Kgosi Wetsho Gobusang ene o ne a supa fa ba sa robadiwe ke tsela bogolo jang ka e le yone e tshwereng ditlhabololo tsa motse.
Kgosi o ne a ngongorega ka gore e re le ntswa ditlhopho di fetile, go na le bangwe ba ba santseng ba sa buisane sentle go ya ka gore ba mo phathing efe.
A re seo ga sena go ba isa gope ka jaana batho ba Salajwe e le morafe o le mongwe mme e bile ba sikana.
Kgosi Gobusang o ne a kopa morafe wa gagwe go emisa dikgang tseo mme jaanong ba tsepame mo go ageng ledula mo motseng wa bone.
Mokhanselara Sebutlenyane o ne lebogela mopalamente go tshwara phuthego mme a solofetsa go bereka le ene go tlhabolola motse.
Mokhanselara o ne a ngongorega ka bokoa jwa kanamiso ya metsi kwa ditsheng tse disha.
A re ba tswa kgakala ba bua ka letlhoko la molemisi kwa motseng wa bone.
A re e re le ntswa ba thusitswe ka wa nakwana ka e le nako ya temo, ga go a lekana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : SALAJWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 09 Jan 2020




