Breaking News

Maake o lela ka metsi a leruo

09 Jan 2020

 Mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi Bokone, Mme Talita Monnakgotla, a re thendara ya go gogela metsi kwa Maake go tswa kwa Ncojane e santse e le fa pele ga kgotla ya ditsheko.

O buile se ka Mosupologo fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Maake. 

Banni  ba Maake ba ne ba lela ka manokonoko a letlhoko la metsi a leruo, seemo se ba neng ba tlhalosa fa se gomagometsa go ba tlogela ba iphotlhere, ka leruo le  motega.

Mopalamente Monnakgotla a re khamphane ya metsi ya Water Utilities Corporation e tshwere ka natla go isetsa morafe metsi  ka dikoloi kwa metseng ya bone ba santse ba letile seemo go boela mo taolong.

Mo dikgannyeng tse dingwe o ne a akgolela sekolo se sebotlana go dira bontle mo maduong a lekwalo la bosupa ngwaga oo fetileng, ka jalo, a gwetlha batsadi go tswelela ka go tshwaragana le barutabana.

A re tshwaragano eo, e ka tsisa maduo a a nametsang mme seo se tsholetse serodumo sa kgaolo ya bone.

O ne a gwetlha ba ba nnileng le lesego la go thusiwa ka mananeo a a farologanyeng ke puso go a dirisa ka fa tshwanelong gore ba  tle ba kgone go tokafatsa matshelo a bone.

Kgosi Boipelo Moilwa ene o tlhalositse fa ba setlhile dingwaga ba ntse ba lela ka seemo sa metsi a leruo mme go sena nko e e tswang lemina. 

Kgosi Moilwa a re seemo seo, se setse se babaletse malwapa a le mantsi ka jaana bontsi ba sena tiro tsa sennela ruri mme ba ikaegile ka lenaneo la Ipelegeng.

A re mpuru o faretswe ka jaana bontsi bo felela bo tlamega go reka metsi a leruo leo, mme bangwe e le ba ba neng ba filwe leruo ka lenananeo la nyeletso lehuma. 

A re seemo se ga se thuse go fitlhelela maitlamo a puso ka jaana palo ya batlhoki e tsweletse ka go oketsetsega.

Mo go tse dingwe, Kgosi Moilwa o ne a kopa gore ba sekasekelwe ka go tshelelwa lekgarapana mo tseleng e e ba gokaganyang le metse ya Lehututu le Hunhukwe ka jaana mosepele  gareng ga metse eo, o se bonolo. 

A re ba bete se molangwana ka tiego ya go thusiwa ga batlhoki le ba-na-le bogole, segolo bogolo fa go sena go dirwa ditshekatsheko.

Ka jalo, Kgosi Moilwa o ne a kopa khansele go tsibogela ditshekatsheko tseo gore matshelo a banni a tle a tokafale.

O ne a tlatsa ka go gwetlha morafe go kgaphela dipharologano tsa bone tsa sepolotiki kwa thoko, mme ba nne seopo sengwe ka maikaelo a go isa kgaolo ya bone kwa pele.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Otlhapile Phutietsile, o ne a iteela kobo moroko kgang ya letlhoko la metsi a leruo, mme a supa fa ba ne ba tsentse kopo ya teng mo kgaoganyong ya madi a dikgaolo le gone gore ba agelwe ntlo ya boroko  ya barutabana kwa sekolong mme ka maswabi dikopo tseo di sa atlega.

O ne a tlatsa ka gore ba tlhoka ntlo lehalahala ka jaana badiragatsi ba sena kwa ba itlhokoletsang teng.

Fa a tsibogela dilelo tsa banni, mogolwane go tswa kwa lephateng la ditsela, Rre Innocent Magetse, o tlhalositse fa tsela ya Maake-Lehututu  e tlaa tshelwa lekgarapana le mororo e santse e le fa moragonyana.

Mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Hukuntsi, Mme Segomotso Nkwane, o ne a supa fa ba thubile lebelo go bona gore barui ba Maake ba  ka gokelelwa sediba sa metsi a leruo, mme a supa fa ba tshwaragane le ba lephata la metsi ka jaana maiteko  a go gokela didiba ka bontsi mo dingwageng tse di fetileng a ne a folotsa ka ntlha ya gore baitseanape ba ne ba supa fa metsi a teng a na le letswai le le feteletseng. 

Modulasetilo wa khansele potlana ya Hukuntsi, Mme Kebaneilwe Mmesetse, ene o ne a gwetlha banni gore ba nne ba ititaya ka thupana go kopa dithuso mo dikhamphaneng tse di ikemetseng go ba thusa go itshimololela ditiro dingwe tse ba di eletseng mo motseng wa bone go na le go baya tsotlhe mo khanseleng.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : MAAKE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 09 Jan 2020