Breaking News

Masisi o diragatsa tsholofetso

08 Jan 2020

 Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o letse a diragaditse tsholofetso ya gagwe ya go etela Makopong kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa. 

Banni ba ne ba tshologetse kwa kgotleng go dumedisa tautona le go amogela mephuthelwana ya dijo le dikobo.

Tautona Masisi o ne a eleletsa banni masego le matlhogonolo mo ngwageng o mosha.

“Ke itumelela gore ke bo ke le fano, ke tsile go nama hela mo gaetsho, ke phuthologa. Ke ne ke kile ka le solofetsa gore ke tlaa tla kwano mme ke fa ke tsile,” ga bua Tautona.

O solofeditse banni gore o tlaa ba etela gape go buisa phuthego ya kgotla. 

“Merero e dirwa mo kgotleng. Kgang di buiwa mo kgotleng. Ga gona sepe se se palang fa se buiwa mo kgotleng,” Dr Masisi a tlhalosa.

A re popagano ya setshaba ke konokono, ke sone se a neng a gatelela botlhokwa jwa therisano le neelano ka nako tsotlhe. 

“Re bana ba motho, a motho o a rata kana jang. Dikgang di buelwa mo kgotleng,” ga tlhalosa Tautona.

Dr Masisi a re go maleba gore tautona a dire fa a kgonang teng ka go nna a lekola Batswana.

“Le bantsi Batswana, ga ke kake ka kgona go ya gongwe le gongwe, mme ke kgonne go tla kwano.”

Fa a tswa la gagwe, kgosi wa Makopong, Kgosi Vincent Phologo o ne a lebogela tautona go lekola banni ba motse oo.

A re leeto la ga Tautona Masisi ke selo se ba se itumelelang fela thata.

Kgosi Phologo a re seemo sa metsi ke kgwetlho kwa motseng wa gagwe mme a kopa Tautona gore a emele kgang ya metsi ka dinao.

Mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Sam Brooks, o ne  a lebogela Tautona Masisi go gata kwa Makopong ngwaga o simologa. 

Le ene o ne a gatelela seemo sa letlhoko la metsi kwa Draihoek le Makopong. 

Rre Brooks o kopile tautona go emela ka dinao kgang ya matlhabelo a Botswana Meat Commision (BMC) .

 A re matlhabelo ao, a kolota barui ba le bantsi. 

Mopalamente o ne a kopa Tautona Masisi gore a tsenye leitlho go bona gore seemo se a tokafala kwa BMC gore barui ba tle ba akole mefufutso ya phatla tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : MAKOPONG

Event : Phuthego

Date : 08 Jan 2020