Go ikgapela botshelo ga se tharabololo
05 Jan 2020
Motshwarelela mookamela mapodisi a Middlepits kwa kgaolong ya Kgalagdi, Sub Inspector Kefentse Maibi, o gakolotse banana go itlwaetsa go bua le ba ba tshwanetseng ka dikgang tse di sa ba robatseng.
O buile se bosheng morago ga gore lekawana la dingwaga tse di masome a mabedi le bobedi kwa Middlepits le fitlhelwe le akgega mo setlhareng.
Sub Inspector Kefentse Maibi a re tiragalo e diragetse Sedimonthole a ya fifing.
O ne a tlhalosa fa e ne ya re letsatsi pele ga tiragalo, lekawana leo fa le tswa maitisong maphakela la tsosa kgaitsadie go bua ka dikgang dingwe
Motshwarelela mookamela mapodisi a re morago a tswa mo lwapeng a ya go ikaletsa mo setlhareng sa Motlopi gaufi le lelwapa la gaabo.
Sub Inspector Maibi a re lekawana leo, le ne la isiwa kwa kokelong ya Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a setse a tlhokafetse.
A re mo nakong ya gompieno serepa se mo setsidifatsing sa kokelo mme a re batsadi ba tsere tshwetso ya gore serepa se seka sa tlhatlhojwa.
O boletse fa moswi a sa tlogela mokwalo ope mabapi le tiraglo eo.
Sub Inspector Maibi o kopile banana, bogolo jang ba borre, gore ba bue dikgang le dikgosi, dikgosana, baruti, mapodisi, ba boipelego, batsadi le ditsala tsa bone fa ba tlhokile kutlwisisano le ba ba tshelang le bone go na le go swa senku ka seo se ka thusa mo tharabololong le tshidilo maikutlo go itsa ditiragalo tsa mofuta oo.
Mooki yo o belegisang kwa kokelong ya Tsabong, Mme Marang Rangaka, ene o boletse mo potsolotsong fa kokelo e amogetse lesea la mosetsanyana mo letsatsing la ngwaga o mosha.
Mme Rangaka o boletse fa lesea le mmaalone ba le mo botsogong jo bo itumedisang.
Mooki yo o ne a tlhalosa fa ka tlwaelo masea a a belegwang ka letsatsi la botsalo jwa Morena le ngwaga o mosha ba tseelwa kwa godimo ka ba abelwa dimpho di akaretsa diaparo, ditlolo le tse dingwe.
Mo go tse dingwe baokamela mapodisi a Tsabong, Werda le Bokspist le tikologo ba supile fa banni ba metse ya bone ba amogetse letsatsi la ngwaga o mosha ka boitumelo, kagiso le thokgamo ka go sa diragala sepe se se duleng mo tseleng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Middlepits
Event : Potsolotso
Date : 05 Jan 2020