Komiti ya Boikago e akgoletswe go neela
05 Jan 2020
Modulasetilo wa dikomiti tsa ditlhabololo kwa Palapye, Rre Reoletile Mmika, o akgoletse komiti ya ditlhabololo tsa kgotla ya Boikago kwa Palapye go nna le mowa wa kutlwelo botlhoko.
O buile seo bosheng fa komiti ya Boikago e ne e abela boorra Dikhutsafalo ntlwana ya boitiketso.
A re seo, ke go supa boikarabelo e bile mowa oo, o tshwanetse go galalediwa.
Go ya ka moemedi wa komiti eo, Rre Moitela Boiditswe, go aba ntlwana eo ke nngwe ya maiteko a go supa mowa wa tirisanyo mmogo, lerato le mautlwelo botlhoko mo go ba ba tlhokileng lesego.
O boletse gore komiti ya bone e tlaa tswelela e thusa mongwe le mongwe yo e bonang go tshwanetse gore a thusiwe ka tshwaragano le morafe, se e le go diragatsa nngwe ya dipilara tsa tebelopele ya 2036.
Yo o abetsweng, Mme Obonetse Dikhutsafalo, o lebogile komiti ya ditlhabololo a tlhalosa fa ntlwana ya boitiketso e le nngwe ya dilo tsa botlhokwa tse mongwe le mongwe a tshwanetseng go nna le tsone mo botshelong.
O rotloeditse komiti go tshwaragana le morafe le go tshepha Modimo gareng ga tsotlhe fa ba tsweletse le ditiro tsa bone tse di molemo tsa go thusa setshaba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Mososo
Location : Palapye
Event : Kabo dimpho
Date : 05 Jan 2020