Gasekgalo e abela batlhoki le bana
05 Jan 2020
Mookamedi wa khamphane ya Gasekgalo Investment, Rre Desire Sapula, a re go abela ba bangwe ke go ba fa tshepo.
O buile se fa khamphane eo e abela batlhoki bangwe le bana ba le bane ba ba dirileng sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa ba dikolo tsa Letlhakeng ka mafelo a beke.
Rre Sapula o tlhalositse fa a rutilwe go aba ke batsadi ba gagwe, a tlhalosa fa ka dinako tse dingwe ba ne ba kgona go tlhoka dijo mo lwapeng ka ntlha ya gore batsadi ba gagwe ba ne ba di abile.
A re o bone go le botlhokwa go abela bana le batlhoki bao, ka jaana banni ba Letlhakeng ba ne ba eme nokeng kgwebo ya batsadi ba gagwe ya go dira ditena le go rekisa motlhaba.
O boletse fa mogopolo wa go aba o sale o mo tletse ka ngwaga wa 2010, mme a ne a sa kgone ka ntlha ya ditsompelo.
O tlhalositse fa a abela bana ba ba dirileng sentle gore a ba rotloetse mo dithutong tsa bone. Batsadi ba bone ba ne ba fiwa P1000 mongwe le mongwe.
Rre Sapula o ne a abela batlhoki dikobo le dijo go ya ka letlhoko la bone, a bo a tlhalosa fa a sa abe ka ntlha ya gore o humile, mme a leboga batsadi ba Letlhakeng go rotloetsa kgwebo ya gagwe.
Rre Sapula o tlhalositse fa a dirisitse P13000 go reka dimpho tsa dikobo, dijo, dikipara le madi a a abetseng bana ba ba pasitseng.
Mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Friction Leuwe, o ne a lebogela Rre Sapula le khamphane ya gagwe tiro e ntle e ba e dirileng, a supa fa e le kgolo thata.
O ne a kopa batsadi go rapelela Rre Sapula gore kgwebo ya gagwe e gole gore a tle a dire se se fetang nako e e tlang.
Mogolwane wa lekalana la boipelego kwa Letlhakeng le ene fela jalo o ne a lebogela Gasekgalo tiro e ntle e e dirileng, a bo a kopa ba ba abetsweng go dirisa dimpho tsa bone sentle.
Modiri wa Gasekgalo Investment, Mme Dineo Masuga, o ne a leboga batsadi ba ba neng ba tsile go ba rotloetsa mo tirong eo ka dipalo tse dintsi.
A re ba simolotse tiro ya go aba ngogola, mme a leboga fa monongwaga go supagala fa ba godile. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Letlhakane
Event : Kabo dimpho
Date : 05 Jan 2020