Breaking News

Rotloetsang bana go ithuta

30 Dec 2019

Ngaka wa kokelwana e e ikemetseng  Rre Maxwell Ntlhatho o gakolotse batsadi ba Shorobe mo kgaolong ya Nhabe gore ba rotloetse bana go ithuta gore ba nne le bokamoso jo bo nitameng.

Ngaka Ntlhatho wa kokelwana ya Doctors Inn mo Maun o buile jalo ka mafelo a beke kwa a neng a abela bana ba le makgolo a supa dimpho tsa botsalo jwa Morena di akaretsa dimonamone le dijo tsa motshegare, a re batsadi ba tlhokomele gore bana ga ba a tlhoka go ya sekoleng go sena mabaka ape, le gore fa ba ile sekoleng ba leba dibuka tsa bone go bona gore ba ka ba gakolola fa kae.

A re thuto mo nakong ya gompieno ke yone e e ka jesang bana le batsadi, a tlatsa ka go re ngwana o tlhokana le thotloetso e e kwa godimo ya botsadi ka gore fa e seyo bana ga ba kgone go goroga mo go se ba se batlang.

A re bopelotele ke selo se bana ba tlhokang go se rutwa  ba sa felelwe pelo, a tlatsa ka go re le one maina a a neelwang bana a elwe tlhoko gore ga se a a ka ba kgobang marapo, ngwana a ipotsa gore ke eng a biditswe leina leo.

Ngaka Ntlhathp o bile a re maikaelelo a gagwe ga se go bapatsa kokelwana ya gagwe, mme e ne e le bontlha bongwe jwa gore a kgone go bua le bana a ba neela molaetsa wa thuto gore le bone e tsoge e le dingaka, barutabana, le borre le bomme ba maemo ba tswa mo Shorobe.

O bile a akgola mongwe wa banana ba motse oo Rre Banyatsang Mazera yo le ene a neng a tsenya letsogo ka go neela batsadi ba le batlhano dijo tsa keresemose gore le bone ba ye go itumela le ba malwapa a bone go na le se ba tukisang molelo ka sone, a re moo ke gone mo go tweng bana ba motho ba kgogana tlhogwana ya tsie.

A re o tlhaloganya sentle gore Rre Mazera o direla kwa dikampeng kwa e leng gore ga ba duelwe dituelo dipe tse di kalo mme o kgonne go gakologelwa ba gagabo ka go ba rekela dimpho. A re seo ke sekao sa thuto.

Fa a mogela baeng, Kgosi Gaditshwane Mmutle o ne a leboga se se dirilweng ke ngaka. A re seo ke sone se se supang botlhkwa jwa thuto, a kopa gore batsadi ba kgothatse bana gore le bone e re ka moso ba bo ba ile go aba kwa dikgaolong tse dingwe jaaka Ngaka Ntlhatho a ba diretse.

A re tiro e e dirilweng ke kokelo ya Doctors Inn ke sekao sa maikaelelo a go aga Botswana yo o nonofileng. A re go dira jalo go supa gore e le batsadi ba Shorobe ba amogele ka tsoo pedi se se tsisitsweng ke bana bao.

A re thuto ka boyone e tsala bana e bile ke yone e dirileng gore bongaka le ba bangwe ba bo ba tsile mo Maun go tla go dira kokelwana eo, mme a re ba bonye go le botlhokwa gore sone setshaba se ba se thusang ba boe ba se direle sengwe sa keresemose e gongwe ba neng ba tlaa seke ba e bone gope.

Mongwe wa badiri ba Doctors Inn Rre Seloilwe Seloilwe a re fela jaaka ba thusitswe jalo le bone e re ka moso ba kopana nabo ba na le mathata ba ba thuse ka jaana ba ba diretse tiro e tona.

O tlhalositse fa e rile ba thulantse ditlhogo gore ba ya go neela bomang kae a gogela kobo kwa ga bone kwa Shorobe ka a itse ka botlhoki jo bo leng koo, mme a rotloetsa batsdi gore ba rotloetse bana go ithuta.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Ebison Sajaba o akgoletse batsadi ba motse oo go tla ka bontsi jo ba neng batsile ka jone, a re seo ke sesupo sa gore jaanong motse oo o ntse o a lemogwa.

O kopile ba dikgwebo le bana ba motse ba ba kgonang go tswelela ba neela gore Modimo a ba okeletso se ba se tshwereng se ate, a kopa le bone ba Doctors Inn gore ba se ka ba felela mo Shorobe fela. ENDS 

 

 

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : SHOROBE

Event : Kabo dimpho

Date : 30 Dec 2019