Go tlogela tiro go na le dikgwetlho
18 Dec 2019
Mokhanselara wa Mahalapye Borwa, Mme Abigail Mogalakwe o rotloeditse bomme ba thapelo ba Lontone (UCCSA) ya Mahalapye gore ba seka ba nna le mowa wa boitlhobogo mo botshelong, fa ba sena go tlogela tiro.
Mme Mogalakwe o buile jaana bosheng kwa moletlong wa dijo tsa motshegare o o neng o rulagantswe ke bomme ba thapelo ba kereke ya UCCSA, go kokoanyetsa kereke ya bone madi.
Mo molaetseng wa gagwe wa kgothatso, ka setlhogo se se reng; Botshelo Morago ga go Tlogela Tiro, Mme Mogalakwe o rotloeditse bomme go itse fa go na le ditsela tse dintsi tsa go itshetsa, morago ga go tlogela tiro.
Selo se se botlhokwa, a re ke gore ba tswe ka lenaneo le megopolo ba santse ba bereka, gore ba ikaelela go tswelela ba tshela botshelo jo bo siameng jang fa ba sena go tlogela tiro.
O rotloeditse ba ba nang le keletso ya go bula dikgwebo gore ba eme ka dinao ba di kwadise, ba seka ba inyatsa ka gore ke bomme.
“Fa o bereka, o seka wa kgoba kgetsi fela o ipolelela gore o sireletsegile ka o na le madi a o a amogelang kgwedi le kgwedi.
Re tshwanetse ra itse fa motlha mongwe re tsile go tlogela ditiro tsa rona ka bogodi, kgotsa ka ditsela dipe tse di farologanyeng, mme re tshwanetse ra nna re ipaakanyeditse motlha oo,” ga bua Mme Mogalakwe.
Ka jalo, Mokhanselara o gakolotse bomme gore ba seka ba inyatsa, mme ba itshimololele dikgwebo tse ba tlaa tsogang ba itshetsa ka tsone le ba malapa a bone.
O gateletse gape gore mosepele mongwe le mongwe wa botshelo o na le dikgwetlho tsa one.A re le fa go ntse jalo ba seka ba latlhegelwa ke tshepo le tsholofelo. A re fa Modimo a santse a ba file thata le nonofo, ba e dirise. Gape le mananeo a puso a teng.
Morago ga go tlogela tiro, ga go bonolo go tshela botshelo o sena se o ka itsetsepelang mo go sone mo maikaelelong a gago a botshelo,” ga tlatsa mokhanselara.
Fa a akgwa mokhanselara dikgaba, leloko la bomme ba UCCSA, Mme Gaeyo Mothei, o ne a lebogela mafoko a kgothatso a re a mo tiisitse moko e bile o dumela gore o santse a ka itirela thata mo botshelong.
O rotloeditse le bomme le basha gore ba ikemele ka dinao, ba itirele.
Mme Nkemo Sekwati, mongwe wa maloko a komiti e e neng e rulaganyetsa moletlo, o tlhalositse gore ba ne ba bona go tshwanela e le bomme ba UCCSA go dira dijo tsa motshegare gore ba kokoanyetse kereke le komiti ya bone madi.
Mme Sekati a re madi a a kokoantsweng a ya go thusa go rekela magolegwa le balwetse ba ba robaditsweng kwa kokelong dimpho, bana ba batlhoki paka ya sekole, bagodi ba phuthego dilo tse ba di tlhokang ga mmogo le go tsamaisa mokgatlho wa bomme.
Mokhanselara Mogalakwe o ne a neela komiti ya bomme P500, go ba rotloetsa mo maikaelelong a bone a go tsosolosa letlole la bone le go kokoanyetsa kereke ya bone madi.
Moletlo o, o ne o tsenwe gape ke bomme ba thapelo ba dikereke tse thataro tse di dirisanang le ya UCCSA e bong Roma, Anglican, Jorotane, Methodist, St. John le Spiritual. ENDS
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : Mahalapye
Event : Moletlo wa dijo
Date : 18 Dec 2019