Tlhaelo ya lefatshe tlhora boroko
17 Dec 2019
Lekgotla la kabo ditsha la Kgalagadi le lela ka tlhaelo ya lefatshe la bonno le masimo le ntswa Motswana mongwe le mongwe a na le tshwanelo ya go nna le setsha.
Mafoko a a builwe ke Rre Elijah Molwele kwa Tsabong bosheng mo boemong jwa modulasetilo wa lekgotla la Kgalagadi kwa moletlong wa selalelo o maikaelelo wa one e neng e le go ipelela tse ba di kgonneng le go ithuna dinta. Ba ne ba tswa ka maitlamo a lekgotla leo go ya pele mo ngwageng wa madi wa 2018/2019.
Fa a bua ka ditsha tsa bonno, o boletse fa baikopedi ba ba emetseng go bewa mo kgaolong ba le 11 691 go akarediwa lekgotla le lebotlana la Hukuntsi ka 3 523 le la Tsabong ka 8 168 mme ditsha tse di ka bewang mo palong eo di le 319 kwa Hukuntsi ka kgwedi ya Herikgong.
Rre Molwele o ne a tlhalosetsa batsena moletlo gore bontsi jwa banni ba kgaolo eo ba kgatlhegela temo-thuo, ka jalo ba tlhoka lefatshe la temo, go bewa didiba, dipolasi le masimo, selo se a reng ga ba kgone go se diragatsa ka ntlha ya tlhaelo ya lefatshe.
O ne a tlhalosa fa mo nakong ya gompieno dikopo tse di sa ntseng di emetse go bewa tsa masimo di le 5 526, mme 2 619 e le tsa lekgotla le lebotlana la Hukuntsi fa Tsabong e le 22 907.
Mabapi le seemo seo, Rre Molwele o supile fa lekgotla le ne la tsaya kgato ka go tsamaya le Kgalagadi le buisa diphuthego mo dikgotleng go rerisana le merafe go thusana go batla lefatshe la go baya masimo, selo se a supileng fa se tlaa tswa maduo mo ngwageng oo tlang.
Rre Molwele o ne a supa fa go phutha madi a lekgotla le a kolotwang e le kgwetlho, selo se a reng se kgoreletsa ditirelo.
A re mo nakong ya gompieno ba setse ba phuthile P 1 879 800 e leng selekanyo sa 28 per cent, a re ba ne ba tsibogela seemo se ka go simolodisa tiro ya go dupa dibuka mo lekgotleng.
A re morago ba tlaa tsibosa le go itsese ba ba nang le melala mme ope yo o tlaa itlhokomolosang seo ba tlaa mo tseela dikgato.
Le fa go ntse jalo, Rre Molwele o ne a leboga badiri ba lekgotla leo ka botswerere le bopelotelele mo ngwageng ono le ntswa go sa ntse go le go ntsi mo ba ka go kgonang mo nakong e e tlang.
Rre Molwele o ne a tlatsa ka go ba eleletsa masego le matlhogonolo mo malatsing a boitapoloso a keresemose le ngwaga o mosha le gone go ba gakolola go ikgapha mo dikotsing tsa tsela di tse tsweletseng ka go gapa matshelo a batho ka bontsi mo lefatsheng leno, tse a supileng fa gantsi di bakwang ke nnotagi le lobelo gareng ga tse dingwe.
Fa a leboga, mothusa modulasetilo mo lekgotleng le le botlana mo Tsabong Mme Reginah Mosweu o ne a gatelela botlhokwa jwa lefatshe a re ke teemane ka batho ba ntsha dijo, e le bonno jwa motho a tshedile le a ile ga maoto hunyela e bile gape e le lone le go ruelwang mo go lone.
Mme Mosweu a re ntswa lekgotla leo le na le kgwetlho e tona ya tlhaelo ya lefatshe, badiri ba tshwanetse go ema ka dinao go tswa ka maano ka seo se ka thusa go fitlhelela maitlamo a bone le dikeletso tsa setshaba ka go ba neela ditirelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Moletlo wa selalelo
Date : 17 Dec 2019