Holy Ghost e abela batlhoki
17 Dec 2019
Mokhanselara wa Tshikinyega, Rre Orelebile Baatweng o akgoletse kereke ya Holy Ghost House International Ministries go lemoga batho ba ba nang le botlhoki mo setshabeng le go ba thusa.
O buile jaana ka Tshipi jaaka kereke eo ya Mahalapye, e ne e abela batlhoki ba le lesome dijo tsa Keresemose kwa Mahalapye.
Mo batlhoking ba ba lesome ba, ba le bane ba tswa Mahalapye, ba le babedi ba Radisele, ba le babedi ba tswa Mokoswaneng, a le mongwe a tswa Shoshong, fa yo mongwe a tswa Kalamare.
Fa a bua kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke komiti ya Bopelotlhomogi ya kereke, mokhanselara o ne a re se ba se dirileng ke tiro e tona ya kutlwelobotlhoko.
“Le dira tiro e ntle e le ruri, e puso ya Botswana e e rotloetsang gore re nne re gadima bangwe ka rona, ba ba nang le botlhoki mo setshabeng re ba thusa ka tse ba di tlhokang.
Moletlo o tshwana le o, o a nthusa gape le nna ke le moemedi wa lona gore ke itse mathata le matshwenyego a lona le le ba Holy Ghost,” ga bua Rre Baatweng.
Mokhanselara o kopile maloko a kereke go rapelela malatsi a boitapoloso a Keresemose le ngwana o mosha, gore a babalesege.
Mo godimo ga moo, o ba kopile gore ba rapedise puso ya Botswana gore e robalelwe ke ditlhokwa le gore kagiso e e itseweng ka yone e tswelele ka go rena.
Go ya pele, Mokhanselara Baatweng a re o eletsa gore tshwaragano ya gagwe le dikereke ka go farologana, ga mmogo le mekgatlho e tswelele ka go tiya.
“Tshwaragano eo ke dumela gore le nna e ka nkgontsha go dira tiro ya me ya go le emela mo kgaolong.
Ke le solofetsa gore ke ya go kwalela dikereke le mekgatlho e e ikemetseng ka nosi gore ke kopane le bone ba intekodise,” ga tlatsa mokhanselara.
Mo molaetseng wa gagwe, Moruti Mmolotsi Motshidisi wa KHoly Ghost ya Mahalapye, o ne a re maloko a kereke ya gagwe a bone go tshwanela gore ba abele batlhoki ba le lesome dijo tsa Keresemose, e seng ka go ba nyatsa, mme ka gore Modimo o ba file boikarabelo e le Bakeresete gore ba tlhokomele batlhoki.
Ka jalo, a ba akgolela tiro e e molemo e ba e diretseng bangwe ka bone.
“Ke batla go le rotloetsa go neela, le gore mowa wa go neela o age mo dipelong, mo matshelong le mo ditirong tsa lona.
Motho yo o neelang ga a ke a tshwenngwa ke mowa wa tshotlego ka gore letsogo la gagwe ga le tlhaele,” ga tlatsa Moruti Orapeleng.
Fa a lebogela dimpho mo boemong jwa ba ba abetsweng, Rre Gosetsemang Tsholofelo go tswa Kalamare o ne a leboga Modimo gore o ne wa tlhotlheletsa maloko a Holy Ghost gore ba thuse batlhoki. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : Mahalapye
Event : Kabelo dimpho
Date : 17 Dec 2019