Breaking News

Kgosi Tshipe o ba tlhagisa setshaba ka dikotsi

17 Dec 2019

Kgosi Tshipe Tshipe wa Mahalapye o kopile setshaba le morafe gore ba seka ba latlhisiwa boikarabelo ke boitumelo ka malatsi a boitapoloso go hema dikotsi tsa dikoloi.

O buile mafoko a mo kokoanong ya ngwaga le ngwaga ya go rapedisa dikotsi tsa dikoloi tsa tsela ya A1 e e neng e rulagantswe ke ba lephatla la Dipalamo le Ipabalelo Tseleng.

Kgosi Tshipe a re boitumelo mo nakong ya gompieno bo tlhokisa bangwe boikarabelo le setho. 

Kgosi o tlhalosistse fa go ka seke go thuse sepe le fa molao o ka gagamadiwa jang, ntleng le gore batho ba ikage.

 “Go a tshwenya ka beng ba tiro ba seyo, e leng bakgweetsi le badirisi ba tsela, go ne go ka nna bonolo ba le fa go itseela molaetsa,” Kgosi Tshipe a tshwaela.

O kopile setshaba gore se itse gore boikarabelo jwa botshelo jwa bone bo mo go bone e seng mo mapodising.

O ne a supa fa mo malatsing a gompieno batho ba sa obamele matshwao a tsela ba lebile mapodisi.

O rotloeditse setshaba gore se nne le boammaaruri se itshireletse.

Mookamela lephata leo mme Pearl Kasweka a re maikaelelo a go rapelela ditsela ke go fokotsa dikotsi.

Mme Kasweka a re le fa lefatshe le itlamile go fokotsa dipalo, go botlhokwa gore ba-na-le seabe ba tsee karolo e e nitameng go kgona maikaelelo ao. O ne a tlhalosa gore go bitsa makalana le dikereke go rapelela ditsela go le botlhokwa. 

A re baemedi ba dikereke ke bone ba tlhomilweng go babalela mpho e tona ya botshelo. 

Mme Kasweka a re dikotsi tsa tsela di babalela le yone itsholelo ya lefatshe, ka mo ngwageng lefatshe le dirisa madimadi go thusa ka nako ya dikotsi.

O supile fa makalana a tshwana le MVA a dirisa didikadike tse 200 tsa pula ka ngwaga. A re ntlha nngwe e e tshwenyang ke theko e ntsi ya dikoloi. 

Mme Kasweka o supile fa mo nakong ya gompieno go kwadisitswe dikoloi di le 800 000, mme ditsela di seo, ka madi a felela mo dikotsing.

O kopile batsadi go ruta bana go fokotsa mabelo mo ditseleng ga mmogo le go emisa tiriso botlhaswa ya dino tagi.

A re go botlhokwa go nna le go netefatsa gore a bana ba na le teseletso ya go kgweetsa. Fa a lekodisa dipalo tsa dikotsi tsa kgaolo, mookamela mapodisi a tsa pharakano wa NO 16 District, Supt Tuelo Komanyane a re mo ngwageng o, ba gatisitse dikotsi di le 744 tse di masisi fa dikotsi tsa dintsho di nnile masome a mabedi le bone, go nnile le dikgobalo tse di masisi di le masome a matlhano le boraro, .

Supt Komanyane o ne tlhalosa fa Gwape, Morale le Pallaroad e le boremelelo jwa dikotsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaotlhobogwe Orefile

Location : Mahalapye

Event : Kokoano

Date : 17 Dec 2019