Rentse Foundation e tsibogela botsogo
16 Dec 2019
Mokgatlho wa bopelotlhomogi wa Rentse Foundation o ne wa isetsa banni ba Palapye ditirelo tsa botsogo ka go farologana jaaka o ne o simolodisiwa semmuso ka Matlhatso.
Rentse Foundation e tlwaelesegile ka go thusa bagodi, bana, ba-na-le bogole, batlhoki, masiela le dikhutsana mo Botswana.
Mo bogompienong mokgatlho o, o na le makalana kwa Lephephe, Lentsweletau Moshupa le Mogapinyana. Morulaganyi wa mokgatlho o, Rre Tsotlhe Maganu a re maikaelelo magolo a mokgatlho ke go agela ba ba batlhokileng lesego matlo ga mmogo le go abela bana paka ya sekole, melora le tse dingwe.
Mokgatlho o simologile kwa Amerika ka 2008 mme wa kwadisiwa semmuso mono ka 2014 morago ga gore mosimolodisi wa one yo o nnang kwa Amerika Mme Rentse Ugokwe a bone go tshwanela gore a o simolodise mo gae go thusa Batswana.
E re ka Setswana se re goora motho go thebe phatshwa, Mme Ugokwe o ne a kwadisa mokgatlho oo ka maikaelelo a go thusa Batswana ka tse difarologanyeng.
Rre Maganu a re ba thusiwa ke makalana le makgotla a a ikemetseng mo gae le kwa mafatsheng a sele.
Rre Maganu a re mono gae ba itshwaragantse le ba makalana a Eyelight optometrists go tswa kwa Tlokweng, ba Toro Clinic, OM Physiotherapy, Exotic Gym le ba DHMT.
Ntswa e le bana ba Palapye, a re ke la ntlha ba tla go simolodisa tiro ya go tlhatlhobela banni ba Palapye matlho le go abela digalase tse di balang.
Ba ne ba tlhatlhobela sukiri, madi a matona le gone go ba tlhatlhelela ka tsa itshidilo Mmele. Rre Maganu a re maikaelelo ke go leba kwa Mogobane go ya go thusa teng, mme a supa fa a ngongoregela tshologelo ya banana, a re ga ba iponatse le fa ditlhatlhobo di le mahala.
Bontsi jwa batho ba ba neng ba tshologetse tiro eo e ne e le bagolo ba ba neng ba itumelela go tlhatlhojwa matlho mahala. Bangwe ba ne ba laelwa go ya go bona ba bongaka jwa matlho fa bangwe ba ne ba fiwa digalase tse di balang, tse go neng go lebega ba di itumeletse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : Palapye
Event : Polelo
Date : 16 Dec 2019