Breaking News

Security Systems e tataisitse sekole

16 Dec 2019

Mothusa mogokgo wa sekole se sebotlana sa Molebatsi kwa Majwaneng Mme Tuelo Thobogang o galaleditse khamphani ya Security Systems ka tlhokomelo e ba e fileng sekole seo mo dingwageng di supa, a tlhalosa fa seo se tsisitse maduo, tshephano le boammaruri.

Mme Thobogang o buile jaana bosheng jaaka sekole se ne se tshwere moletlo wa tsamaya sentle wa go laela motlhokomedi wa bone Rre Gabriel Nkgetse, yo e leng mookamedi wa Security Systems mo Botswana. Moletlo o ne o tshwaretswe kwa Palapye.

Morago ga gore puso e dire boikuelo mo setshabeng, dikhamphani le batho ka bongwe ka bongwe, go tsenya letsogo mo go tshwaraganegeleng thuto, e boleng jwa yone bo neng bo lebega bo wela tlase ngwaga le ngwaga, dikonpone ka bontsi di ne tsa tsibogela mokgosi oo, mme Security Systems ba itlhophela sekole se.

Mme Thobogang a re se se dirilweng ke Security Systems ke sesupo sa gore dikompone di na le keletso ya go nna le seabe sa go tlhabolola thuto ka maikaelelo a go bopa boeteledipele jwa popota le go bopa bomankge ba ba nonofileng.

Mothusa mogokgo o ne a supa fa ba a tlhoka a le thaeng ka se kompone e e se dirileng   go tlhokomela sekole mo dingwageng di supa.

Mme Thobogang o ne a bua mafoko a serutegi Bob Beauprez a a gatelelang tshwaragano e e nitameng a re ‘education is a shared commitment between dedicated teachers, motivated students and enthusiastic parents with high expectations’.

A re go ikabela go tlhokomela sekole ke go direla lefatshe le go nna le seabe mo ditlhabololong.

Mme Thobogang o ne a kaya Rre Nkgetse e le mogaka yo o tlhabolotseng lefatshe leno ka sekole sa Molebatsi mo go tsa thuto le ditiro tse dingwe fela go tlhabolola morafe, ngwana, botsadi le barutabana ba motse wa Majwaneng.

 Fa a tswa la gagwe, Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Molebatsi Mme Seamogano Kane o ne a kaya Rre Nkgetsi e le magoboka.

A re ene le ba kompone ya gagwe ba ne ba tsaya sekole sa gagwe  go thusa mo dithuto-puisanyong, go neela baithuti paka, go duelela mesepele ya go iphokisa phefo ga bana ba ba kobo dikhutshwane le gone go fa barutabana sebaka sa go ya malatsing a boikhutso kwa mafelong a itloso bodutu.

Kompone e ne gape e inaakantse le tsa boranyane jwa segompieno le go bo diragatsa.

Mo boeteleding pele jwa ga Rre Kgetse Security Systems e ne ya thapela sekole badiredi ba le babedi go thusa mme e ba duela   P500  ka kgwedi sebaka sa ngwaga.

Ba ne gape ba tsenyediwa tsa itshireletso kwa ofising.

Kompone e ne ya thusa ka go reka dibuka, motshine o o ntsifatsang dipampiri, paka ya sekole le kapari ya mmino wa Setswana.

Ngwaga le ngwaga ka  nako ya kabo dimpho Security Systems e ne e ntsha P15 000 go rekela baithuti dimpho, mme a supa fa go aba e se go ntsha mpho fela mme e le bontlha bongwe jwa go fetola botshelo ja yo o abelwang.

Fa a leboga Kgosi Gomolemo Molebatsi wa Majwaneng o ne a khubama ka mangole a re ba seka ba ba tlogela e le masiela.

 Kgosi o ne a re go botlhokwa gore Security Systems e lemoge boleng teng jwa bone le pharologanyo e ba e dirileng mo thutong, segolo jang mo kgaolong ya Tswapong.

Mookamela thuto ya dikole tse dipotlana tsa kgaolo ya Palapye, Mme Wanani Gunda o ne a supa boitumelo, a re Security Systems e dirile go le gontsi mme a re sebaka se, ke se se thata se se tlhokang dikhamphani tsa mofuta o o tshwanang le Security Systems,  segolo jang mo go tsa thuto.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Amantle Onneng

Location : Palapye

Event : Moletlo wa tsamaya sentle

Date : 16 Dec 2019