Kagiso e tshwanetse go simolola kwa malwapeng
15 Dec 2019
Mogolwane wa setlhopha sa kgwele ya dinao sa Orapa United, Rre Onkemetse Powe, a re kagiso e tshwanetse go simolola kwa lwapeng.
O buile se mo mogwatong wa go fetsa malatsi a lesome le borataro a go lwantsha kgokgontsho ya bong, o o neng o tshwerwe kwa Letlhakane bosheng.
A re kgokgontsho ya bong e ntsi mo malwapeng, mme gantsi e bakwa ke borre.
Ka jalo, Rre Powe o ne a kopa borre go tsaya kgato le go iphapha mo go amegeng mo dikgang tsa kgokgontsho, a kaya fa go dira jaana go ba diga seriti.
O ne gape a gakolola borre go iphapha mo go batleng marato mo baneng ba dikolo.
Rre Powe o ne a kaya fa tiriso phetelela ya dinotagi le yone e na le seabe se setona mo kgokgontshong.
A re ene le sethopha sa gagwe ga ba na go ipona tsapa go lwantsha kgokgontsho ya bong go fitlhelela e fokotsega kana e fela.
Kgosi Baruntshi Kegapetswe wa Letlhakane le ene o ne a tsaya karolo mo mogwantong mme a supa fa banna ba malatsi a ba rekela bomme dimpho ka tsholofelo ya go fiwa sengwe, mme se se felele se baka dipetelelo kgotsa dititeo.
A re letsatsi le le botlhokwa ka jaana le ruta setshaba ka dikgang tse di amanang le kgokgontsho ya bong.
Mo mafokong a kgothatso, Kgosi Rre Gowinnemang Matlhare wa Mopipi o ne a kopa banana go emisa mokgwa wa go nna mmogo mo matlong ba sa ba nyalana, a re seemo se le sone se na le seabe se setona mo kgokgontshong ya bomme.
Kgosi Matlhare o ne gape a rotloetsa bana ba basetsana go iperekela, gore ba emise go kopa sengwe le sengwe mo go borre, a re se se dira gore ba ba kgokgontshe ba lebile gore ba beile mo go bone.
O ne a ba rotloetsa gape go begela mapodisi kgokgontsho epe fela e diragalang ka gore fa e sa begiwe e ka senya dilo tse dintsi.
Kgosi Matlhare o ne a kopa banana go tsaya dikgakololo mo bagolong ka dikgang tse di ba tshwenyang kwa malwapeng a bone.
Mogolwane wa mapodisi, Senior Superintendent Sarah Gabathusi, o boletse fa ba sa bolo go simolola leeto, ebile ba kgonne go tsamaya le dikereke tsotlhe tsa Letlhakane ba bua ka dikgang tsa kgokgontsho.
Mme Gabathusi o tlhalositse fa mo leetong la bone ba ne ba tshwara dikgaisano tsa ditlhopha tsa bomme e le go leka go oka bomme go tla ka dipalo tse dintsi mo dipuisanong tsa kgokgontsho.
O supile fa ba sa itumedisiwe ke dipalo tse di boutsana tsa batho ba ba tsayang karolo mo dipuisanong tse tsa twantsho kgokgontsho.
A re le fa borre ba supiwa ka monwana, bangwe ba bone ba a kgokgontshiwa, ka jalo a ba kopa gore le bone ba ikuele fa bomme ba ba kgokgontsha. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tefo Kebareng
Location : Letlhakane
Event : Mogwanto
Date : 15 Dec 2019