Tshwaragano konokono mo ditlhabololong
15 Dec 2019
Modulasetilo wa khansele ya Ghanzi, Rre Thato Tshweneyagae, o kopile makhanselara go nna seopo sengwe gore ba kgone go tlhabolola kgaolo ya bone.
O buile se kwa moletlong o a neng a o diretse makhanselara kwa Ghanzi bosheng.
A re go botlhokwa gore makhanselara a tshwaragane, a itshware ka botho le go dirisana sentle.
Rre Tshweneyagae a re khansele e kgonne go tlhabolola ditsela tsa kgaolo, go aga matlo a badiredi ba khansele a le matlhano le go tlhabolola di ofisi tsa khansele potlana kwa toropong eo
A re ka lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP ba ne ba dirisa P24 million go tlhabolola dikolo dingwe le go aga matlo a le lesome le boferabobedi go aga kgotla ya Kuke ba bo ba reka koloi le didirisiwa tsa ofisi.
Rre Tshweneyagae a re go ntshitswe P32 million go baakanya dikolo tse dipotlana di le lesome le bobedi mo kgaolong mme dipaakanyo di santse di tsweletse.
A re go ne ga tswa P32 million go agela batlhoki matlo a le 360 mo kgaolong mme go setse go fedile a le 280.
Rre Tshweneyagae e a re khansele ya gagwe e ne ya itshwaraganya le dikhansele tsa mafatshe mangwe jaaka ya Omaheke Region, Ale Municipality Kwa Sweden le ya Budesti ya Moldova.
A re tshwaragano e, e tlaa ba tsisetsa maduo a a botoko mo tsamaong ya nako.
Modulasetilo a re le fa ba ne ba kgona go dira tse dingwe ba ne ba na le dikgwetlho jaaka go tlhoka ditiro ga banana, kgokgontsho ya bong le bana ba batlogelang sekolo go sena lebaka.
Rre Tshweneyagae o ne a kopa badirelapuso go tshwaragana le makhanselara gore ba kgone go isa kgaolo kwa pele ka ditlhabololo le tsotlhe tse di tlhokwang ke morafe wa Kgaolo.
E rile a ntsha la gagwe, mopalamente wa pele Rre Johnie Swartz a kopa makhanselara go dirisa thuto ya bone sentle gore e tle e ba tswele molemo.
A re bontsi jwa makhanselara a a mo ditilong ke barutegi ka jalo ga ba a tshwanela go gataka ba bangwe le go ikgatlha ka thutego ya bone.
Rre Swartz o ne gape a kopa makhanselara go bala melawana ya khansele le tsotlhe tse di amanang le tiro ya bone gore ba kgone go tlhaloganya ka mananeo a puso sentle.
A re ba ne baya ditlhopong ba farologanye ka diphati jaanong gompieno ke makhanselara ka jalo ba tshwanetse go tlogela mowa wa ditlhopo ka di fetile, mme ba tshwaraganele ditlhabololo tsa kgaolo ya bone mme e bile ba thuse morafe ka tekatekanyo.
Kgosi Botshelo Lekgothu ene a re dithulaganyo tsa mokwaledi wa khansele le molaodi di tsamaya sentle ka ba rerisana le ofisi ya gagwe ka dinako tshotlhe fa go na le sengwe.
A re go dira jalo go supa tlotlo, tshwaragano le tirisano mmogo magareng ga ofisi ya gagwe le di ofisi tseo, mme e bile ba tsile go bereka sentle go sena bothata.
Kgosi Lekgothu a re makhanselara a masha ke banana ka jalo ba tshwanetse go bereka thata gore ba ntshe maduo a a bonalang le go tlisa ditlhabololo.
A re ditlhabololo ga di dirwe ka go kgobana ka mafoko, a re seo se tshwanetse go ema fa e le gore seteng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : Ghanzi
Event : Moletlo
Date : 15 Dec 2019