Breaking News

Badumedi ba gakololwa go nna kelotlhoko

15 Dec 2019

Moruti wa kereke ya ABFGAC Kwa Maunatlala, Rre Kelesitse Tshikare, o ikuetse mo basebeletsing, baporofiti le dingaka tsa setso go nna keletlhoko fa ba thusa batho ba ba amilweng ke mogare wa HIV.

A re kereke e tshwanetse go ruta le go thusa batho go fetola maitsholo a bone le ka fa ba akanyang ka teng ka jaana kalafi ya HIVAIDS e ise e bonwe.

O kopile batho ka bongwe ka bongwe le dikereke go di goga kwa pele mo go ruteng batho go nna le boikarabelo mo matshelong a bone.

Moruti Tshikare a re mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le karolo mo go direng pharologanyo mo setshabeng.

A re jaaka fa e le boikarabelo jwa mongwe le mongwe go tsaya tshwetso ka botshelo jwa gagwe, go botlhokwa go tsaya karolo mo go phatlalatseng melaetsa go ya kwa bathong ka ditsela tse di farologaneng, e ka nna go buisana ka bongwe ka bongwe, ka ditlhopha kwa ditirong kana kwa dikoleng.

Moruti Tshikare a re go a swabisa go bo go santse go na le bangwe mo setshabeng ba ba sa ntseng ba na le mowa wa kgethololo le go tsaya ba ba amilweng ke mogare ka letsogo la molema a re batho ba tshwanetse go supa lerato le kemo nokeng ka nako tshotlhe .

A re nako e tsile ya gore setshaba se eme nokeng puso le go rotloetsa ba ba ba amegileng go dirisa ditlamelo tse ba dineelwang ke puso ka fa tshwanelong.

Moruti Tshikare o supile fa go le mo maruding a baemedi ba sepolotiki go thusana le puso go mekamekana le mokgoleo o, ka go tswa ka maano le go ikopanya le ba ba ba ikemetseng go thusa.

O kopile banni ba Maunatlala go emisa tiriso botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi ka di na le seabe se se tona mo go tsenweng ke mogare le go sa obamela ditaelo tsa botsogo.

A re diritibatsi le tiriso nnotagi botlhaswa di dira gore motho a nne mo seeemong se se diphatsa ka go palelwa ke go tsaya ditswetso tse di maleba mo go tsa tlhakanelo dikobo le go tsaya dipilisi kafa go tshwanetseng ka teng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Amantle Onneng

Location : Maunatlala

Event : Potsolotso

Date : 15 Dec 2019