Rakgare o aba dimpho tsa keresemose
15 Dec 2019
Mopalamente wa Mogoditshane, Rre Tumiso Rakgare, o abetse mokgatlho o o tlhokomelang bagolo wa Network for Senior Citizens Empowerment Trust (NESECET) dimpho tsa keresemose.
Fa a bua kwa moletlong wa kabo dimpho o o neng o tshwaretswe kwa Mogoditshane bosheng, Rre Rakgare ne a akgolela mokgatlho wa NESECET ka fa o tlhokomelang batsadi ka teng.
Rre Rakgare, yo gape e leng tona wa lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao, a re o itumelela se mokgatlho o se dirang ka go tshwanela gore basha ba lemoge kgodiso e batsadi ba bone ba ba godisitseng ka yone.
O kgothaditse banana go ithuta ngwao ya Setswana le ditsamaiso tsotlhe tsa Setswana mo batsading gore ba kgone go fetisetsa thuto kwa dikokomaneng tsa bone.
O bile a gatelela gore mafoko a a reng ‘tlotla mmaago le rraago gore malatsi a gago a lelefadiwe,’ a tshwanetse go agelwa mosako ke basha mme ba tseye boikarabelo jwa go tlhokomela batsadi ba bone.
Moruti wa kereke ya Sabata, Rre Tshephang Ramasankate, o tlhalositse gore mafoko a a buiwang ke Baebele a a reng “tlotla rraago le mmaago gore malatsi a gago a ntsifadiwe,” e le mafoko a a nang le bokao jo bo kwa teng.
A re mafoko a, ga a reye tlotla fela mo botsading mme bokao jwa one bo raya gore batsadi ba tsholelediwe kwa godimo.
A re bana ba a tlamega go tlhokomela le go tlamela batsadi ba bone gore ba seka ba phailwa ke phefo ba nne le seriti mo setshabeng.
O tlhalositse gore go a tlhobaetsa go bona bana ba phatsima, ba nna mo mantlontlong mme batsadi ba bone ba sotlega.
“A phatshimo ya gago e nne ka fa batsading ka jaana batsadi ba gago e le tshegofatso,” Moruti Ramasankate a bua jalo a bo a kgothatsa batsadi go nna le lentswe ebile ba tsenye lentswe la kgalemo mo baneng ba seka ba swa senku.
Mosimolodise wa mokgatlho, Mme Keneilwe Mpuang o tlhalositse fa o tlhamilwe ka 2010. A re pele fa a tlaa simolodisa mokgatlho, o ne a gwetlhiwa ke go bona ka fa mafatshe kwa moseja a a tlhabologileng ba tlhokomelang bagolo ka teng fa a ne a ile koo go ikoketsa dithuto.
A re ka a ne a patelesega go ya dithutong koo, o ne a tshwanelwa ke go tlogela mmaagwe yo ka nako eo a neng a na le dingwaga di le masome a robabobedi le bone, mo tlhokomelong ya monna wa gagwe.
A re se, se ne se sa mo jese monate mme ke ka moo e ne yare a bona batho ba mafatshe a mangwe ba a fa bagolo seriti ka tlhokomelo e e kalo, se sa dira gore a akanye go tla go diragatsa mogopolo o mo gae ka a ne a itemogetse gore bagolo ba bantsi ga ba bone tlhokomelo e e netameng.
A re maikaelelo a NESECET ke go tlhokomela bagolo le go ba fa ditlamelo tse ba ditlhokang. E ne ya re morago ga go dira dipatlisiso, Mme Mpuang a re a lemoga fa bagolo ba bolaiwa ke bodutu ka ebile tlhokomelo e ba neng ba e tlwaetse ya Setswana e sa tlhole e le teng ka gore bana ba a bereka mme a bona go le botlhokwa gore a batle bangwe ba ba ka mo thusang go dira legae la bagolo le ba tlaa nnang ba tlhola kwa go lone ba itshidila mebele le go bona ditlamelo le dithuso tse ba di tlhokang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : Mogoditshane
Event : Moletlo wa kabo dimpho
Date : 15 Dec 2019




